Borukuthi bo a laolesega kwa Motokwe
15 Jan 2015
Kgosi Olebogeng Puleng wa Motokwe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng a re tshwaragano le tirisano mmogo ya mapodisi, morafe le dikomiti tse di farologanyeng tsa twantsho borukuthi e thusitse thata go fokotsa dikgang tsa borukuthi jwa go thujwa ga matlo jo bo tshwenyang thata kwa motseng wa gagwe.
Fa a bua mo potsolotsong le lekalana la dikgang bosheng, Kgosi Puleng a re ntswa ba santse ba tshwenngwa ke borukuthi jwa go thujwa ga matlo mo malwapeng,seemo se tsweletse ka go laolesega ka jaana ba sepodisi ba ikopantse le morafe le dikomiti tsa twantsho borukuthi go leka go tlhabantsha seemo se.
O supile fa banana e le bone ba amegang thata mo borukuthing wa go thujwa ga matlo, mme a supa fa a itumedisiwa ke dikomiti tsa twantsho borukuthi ka go bereka ka bonatla,boineelo le boikarabelo go netefatsa gore banni ba motse wa gagwe ba tshelela mo thitibalong ka nako tsotlhe.
O akgotse morafe le mapodisi go tswelela ba bereka ba tshwaragane, a kaya fa e le maikarabelo a mongwe le mongwe go bona gore borukuthi bo a nyelela mme a gwetlha ba ba santseng ba saletse morago go ikitaya ka thupana go tsenelela lenaneo la ntebele ke go lebele.
Kgosi Puleng a re ka jaana ba lebanwe ke kgwetlho ya tshenyo mo malwapeng,lenaneo la ntebele ke go lebele le ka ba thusa fela thata.O kaile fa e le thulaganyo e e ikanyegang go thibela borukuthi mo magaeng mme e ikaegile ka baagisanyi ba ba boikanyego ebile ba tshepana.
O gakolotse banana go emisa go ikamanya le ditiro tsa bosinyi ka di ba senyetsa bokamoso,mme a ba kaela go inaakanya le mananeo a puso e a thamileng a a itebagantseng le go tokofatsa matshelo a bone le gone go ba apola kgwetlho e kgolo ya letlhoko la ditiro e e ba lebanyeng.
Kgosi Puleng a re banana bangwe ba dirisa letlhoko la ditiro e le seipato mo go inaakanyeng le ditiro tsa borukuthi,mme a nyatsa dikgang tseo a kaya fa mananeo a tshwana le Youth Development Fund le la tirelo setshaba a ka solegela banana molemo fela thata fa ba a dirisa ka fa tshwanelong.
A re banana bangwe ba ba abetsweng mananeo a kwa motseng wa gagwe,ba tsweletse sentle fela thata ka ba ipuletse dikgwebo go itlhamela mebereko le gone go inamola lehuma.
Go ntse go le foo,kgosi Puleng o lebogile go menaganye go shafadiwa ga ofisi ya kgotla le go gokelwa motlakase a supa fa a tswa kgakala a itela ka yone ka e ne e se mo seemong se se nametsang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 15 Jan 2015






