Ba re pula e boutsana
15 Jan 2015
Banni ba metse ya Otse le Kodibeleng mo kgaolong ya Shoshong ba re mono ngwaga selekanyo sa pula se kwa tlase thata.
Banni ba buile se, mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, e bile gape ele mothusa tona wa Merero ya Ofisi ya ga Tautona le Bodirelapuso, Rre Phillip Makgalemele kwa metseng eo mo bekeng eno.
Banni ba ne ba tswelela ka gore seemo se, se ba tsoseditse leuba ka jaana dikgomo di tlhoka se di jang ka mafulo a sa tlhoga, ba tlatsa ka gore seemo se bakile gore ba seka ba lema. E rile a ba kgwa dikgaba Rre Makgalemele a ba kgotlhatsa gore ere le ntswa dipula di le kwa tlase, ba seka ba itlhoboga, mme ba sole molemo bokgola jo bo teng.
Mo go tse dingwe, mopalamente o rotloeditse banni go simolodisa dikoporase ka jaana di ka ba namola mo lehumeng. A re dikoporase di ka tsholetsa itsholelo ya metse ya bone ka di ka ba tlhamela ditiro.
Mo go tsa maiteko a go ngokela bagwebi mo kgaolong ya gagwe, o tlhalositse fa a tsere tshwetso ya gore go tshwarwe ditshupo mo metseng yotlhe ya kgaolo ngwaga le ngwaga. A re maikelelo ke go bitsa bagwebi go tla mo lefatsheng leno gore batle go bula dikgwebo mo metseng ya bone mme b aba tlhamele ditiro.
A re fa a etetse kwa lefatsheng la Bangladesh, o kopane le bagwebi bangwe ba ba nang le keletso ya go tla go lema ba bo ba rekisa dikgong tse di tiriso e mmalwa go akarediwa go betla fenetshara.
E rile a tswa la gagwe, mogolwane wa balemisi wa Mahalapye Mme Pelontle Seabe, a gakolola banni gore fa pula e le potlana, go botlhokwa go lema dijalo di tshwana mabele le dinawa ka jaana di kgona go itshetlela di bo di gola le fa pula e se ntsi.
Mme Seabe o ba tlhaloseditse fa Batswana ka bontsi ba rata go lema mmidi ntswa o batla metsi a mantis, ka jalo a ba kopa gore ba sekaseke dijwalo tse ba batlang go dilema le tse di tshwaneng paka ya dipula dile kwa tlase. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boitshepo Setogile
Location : RAMOTSWA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Jan 2015






