Breaking News

Ditiro tsa diatla bokamoso

15 Jan 2015

Monana  mongwe kwa Makaleng, yo o itshetsang ka go dira dilwana tsa ntlo tse di akaretsang ditafole le mabeelo a diaparo, o rotloeditse banana go inaakanya le dikolo tsa ithutelo ditiro tsa diatla.

A re seno ke ka gore kamoso ba bo ba kgona go itshetsa ka go itirela ka diatla tsa bone go na le go sokola ba tshelela mo lehumeng ka ntlha ya letlhoko la ditiro. Mo potsolotsong bosheng, Rre Milikani Hloma wa madirelo a Bakahloma Shopfitters and Furniture Making, o tlhalositse fa go itirela ka diatla go busetsa.

A re banana ba gompieno ba boitseme go itirela, gammogo le gone go ya dikoleng, segolo jang bone ba ba sa atlegang kwa dithutong tse dikgolwane tsa mophato wa boraro le wa botlhano.

Mme Hloma a re bontsi jwa bone ba gobeya mo mebileng fa bangwe ba ineeletse go bereka ditiro tsa dikatso tse di kwa tlase le ntswa puso e thapolotse letsogo gore ba kgone go ipetlela isago e e eletsegang.

Rre Hloma o tsweletse ka gore ene kgwebo ya gagwe e a e simolotseng ka ngwaga wa 2004, e mo direla bontle fela thata ka a kgona go bona madi a a kanang ka dikete tse di lesome le borataro tsa dipula ka kgwedi, ka dithuto fela tse a tswang go di anywa kwa sekolong sa ithutelo tiro ya diatla kwa Nswazwi.

A re banana ba tshwanetse go ithutela tiro e ba tlaa tsogang ba e nwa moro go na le go sokola ba sa bone ditiro tse le tsone di tsentseng barutegi fa le fa.

Gape a re banana ba tshwanetse go nna tlhaga go emela matshelo a bone ka dinao e seng gore puso e nne e ba akanyetsa ka dinako tsotlhe.

O tsweletse ka gore puso e tlhamile lenaneo la banana go ba ema nokeng go nosetsa dikgwebo tsa bone.

A re o ne a thusiwa ka madi a a kanang ka dikete tse di masome a matlhano a dipula ka ngwaga wa 2007, ka a ne a batla go oketsa madirelo a gagwe morago ga go bona kgwebo e ntsha maduo.

Rre Hloma a re pele ga dithuso tseo o simolotse kgwebo ya gagwe ka madi a a tswang mo kgwatlheng ya gagwe le gone a ne a e direla ka fa tlase ga setlhare mo thoko ga tsela.

E rile a latedisa botshelo jwa gagwe, Rre Hloma o tlhalositse fa a berekile kwa madirelong mangwe a a dirang dithoto tsa mo ntlong kwa Gaborone dingwaga tse tharo.

A re tiro eo e ne ya mo fa lesedi la go betla le go dira dithoto tsa ntlo, ya bo ya mo thusa go oketsa botsipa jo a neng a bo anywile kwa sekoleng.

Ntle le go dira dithoto tsa ntlo, Bakahloma e baakanya gape le tse di senyegileng segolo jang ditilo mme o kaile fa e le nngwe ya dikgwebo tse di bogadi bo gaufi.

A re o eletsa go oketsa madirelo a gagwe mo ngwageng o o tlang ka go dira lebentlele la marekisetso kwa setsheng sa gagwe se se kwa Masunga.

O tsweletse ka gore mo dingwageng tse pedi tse di tlang, o ikaelela go anamisetsa kgwebo ya gagwe kwa mafelong a a farologanyeng ka go ya go rekisa dithoto tsa gagwe teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 15 Jan 2015