Breaking News

Ba ngongorega ka beng ba diterekere

15 Jan 2015

Go kaiwa fa bontsi jwa balemi kwa Malwelwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng bo tlaa dika bo sa ora molelo wa mariga ka ntlha ya tlhaelo ya ditshukudu tsa temo, didirisiwa tsa temo gammogo le go tlhoka go itekanela ga tsone.

Fa a bua mo puisanong bosheng, Kgosi Bokau Tobe, o supile boraditerekere ka monwana a bolela fa ba sa dire go lekane go thusa balemi. O boletse gore lemororo go na le tlhaelo ya diterekere bonyenyane jwa tse di teng ga bo thuse ka sepe ka bontsi jwa balemi bo sa kgona go lema.

A re temo ke botshelo jwa Motswana ebile ke bontlha bongwe jwa go tshegetsa ngwao. O supile matshwenyego ka go senyega kgapetsa kgapetsa ga diterekere le didirisiwa tsa temo a tlatsa ka gore seemo se,se folodisa maiteko a morafe go akola lenaneo la ISPAAD ka bangwe ba felela ba itlhoboga mme ba felele ba sa leme.

Kgosi Tobe a re tsela kgopo ga e latse nageng, mme a tlatsa ka gore maiteko a bonala mo baleming go dirisa methale e mesha jaaka go lema ka ditselana le go tsenya masimo menontshane.

Go ya ka Kgosi Tobe, boradiretekere ba tshwanetse go itse gore konokono ke go lema,mme ba dirise nako e ntsi ba lema eseng fela go senya nako e ntsi ba lwa le go baakanya didirisiwa tsa temo. A re didirisiwa tsa temo jaaka megoma,polantara le tse dingwe di botlhokwa mo go tlhabololeng temo ebile di tlhoka go nna di le malala a laotswe go thusa balemi ka paka ya temo.

Kgosi a re se se botlhokwa ke gore boraditereke ba thusane,ba dirisane go lemela balemi ba bangwe.A re ga go thuse gore mo nakong eno bontsi jwa batho ba bo sa lemelwa ntswa go na le ka fa bothata bo ka rarabololwang ka teng. 

O supile fa go nna boitseme ga boraditerekere go tsala gore balemi ba tseye tswetso ya go tsaya nako e telele go saenela boraditerekere ka nako ya gore ba bone dituelo. O ikuetse mo go beng ba ditshukudu tsa temo go leka bojotlhe ka go nna le didirisiwa tse di itekanetseng gore morafe o akole temo.

O ne gape a bolela fa a sa itumelele seabe sa ofisi ya selemisi kwa Letlhakeng,o kaile fa ba sa etele motse wa gagwe ntswa go na le botlhokwa-kitso ka temo.A re le fa gone molemisi wa motse a leka mme o gama a ikotelela.

A re fa ditshukudu tsa temo le megoma e le teng balemi ba ka kgone go lemolola, go lema le go jala ka didirisiwa tsa temo mme le bone kwa Malwelwe ba dike ba ora molelo wa mariga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kamogelo Nkile

Location : LETLHAKENG

Event : Puisano

Date : 15 Jan 2015