Bontsi bo ketemelela kwa Jwaneng
15 Jan 2015
E re jaaka ngwaga o simologa, diketekete tsa batho di tsweletse ka go tshologela mo toropong ya Jwaneng e e itsegeng ka moepo wa diteemane, ka tsholofelo ya go bona ditiro.
Batho bao ba bontsi jwa bone eleng banana ba tswa mafelo a a kgakala a akaretsa Serowe, Palapye, Rasesa le Kalamare. Ba re ba dumela gore fa ngwaga o simolola ke gone dikhamphani di hirang mme ba tlamega go fola ko diofising tsa pereko.
E rile a fa pego ko phuthegong ya khansele bosheng, ratoropo wa khansele ya Jwaneng, Rre Tsietsi Oodira Kwenje, a tlhalosa fa dikgang tsa letlhoko la ditiro mo bananeng e le kgwetlho e kgolo mo toropong eo a tlatsa ka gore go botlhokwa gore banana ba nonotshiwe ka ke bone ba ka tsholetsang serodumo sa toropo eo.
O ne a tswelela ka go tlhalosa gore banana ba na le mowa wa kgwebo mme ba lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya ditsompelo mme a solofetsa gore mo dingwageng tse tlhano tse ba di filweng ba tlaa leka go itepatepanya le seemo seo.
Lekalana la dikgang la BOPA le ne la tsaya matsapa go buisanya le bangwe ba tsileng go batla ditiro ko ofising ya pereko. Mongwe wa banana Mme Magdeline Pusoyame yo tlholegang ko Kalamare o ne tlhalosa fa a setse a digela beke a tsogela ko diofising tseo mme go sena nko e e tswang lamina.
A re o tlisitswe mo toropong eo ka tsholofelo ya gore o tlaa bona tiro mo moepong ka a dirile dithuto tsa health and safety. Mme Pusoyame o tlhalositse a kopile boroko jwa nakwana mo Jwaneng mme a na le tsholofelo ya gore o tlaa bona tiro mo bogaufing.
Le fa ntse jalo,Rre Matsheka Baboletse ene o tlhalositse fa a simolotse go fola mo ofising ya pereko ka Seetebosigo ngwaga o o fitileng, mme go fitha le gompieno ga a ise a bone tiro ya sennela ruri. “ Ke bona tiro ya beke go ya ko ya kgwedi fela fa e sale ke tla mo Jwaneng”, a tlhalosa.
Are botshelo bo bokete ka jaana dilo di tura mo toropong eo. Rre Baboletse o ne a ikuela mo pusong le dikompone go ba namola mo seemo se sa letlhoko la ditiro.
Mongwe wa dialogane tsa maranyane a dikhompiotara Mme Lesego Morakane o buile ka kutlobotlhoko gore fa e sale a aloga ka ngwaga wa 2010 ga a sike a bereke. O tlhalosite gore o tsogile ko Rasesa a tlaa go folela go ikwadisa gore gongwe ka lesego o ka bona tiro.
Are e rile a goroga mo mosong a fitlhela mola o moleele gone ko diofising mme o solofela gore o tla kgona go ikwadisa.
Rre Otsile Raditokana wa motse wa mokhomma ene o tlhaositse fa a sike a tsene sekole gotlhelele mme o kgona go dira tiro ya diatla e akaretsa go tlhagola le go feela. Are o na le tsholofelo ya gore o tlaa bona tiro le fa e le boutsana. O ne a supa fa bo pelotelele bo le botlhokwa fa o batla tiro ka gore go tsaya lebaka. Rre Raditokana are o kgona go tsaya dikgwedi tse pedi asa bone sepe o nna a itshokela go phakelela koo go itepa lesego. BOKHUTLO
Source : B0PA
Author : Lebogang Baingapi
Location : JWANENG
Event : Phuthego ya khansele
Date : 15 Jan 2015






