Breaking News

'A ditsheko dineelwe makgotla a setswana fela'

15 Jan 2015

Balemi barui kwa Kanye ba kopile puso gore ditsheko tsa bogodu jwa leruo di sekisediwe kwa makgotleng a Setswana fela go na le a bo mmakaseterata.

Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla ka Laboraro e e neng e biditswe ke kgosi kgolo ya Bangwaketse, Kgosi Gasitsiwe Malope II.

Kgosi o ne a biditse Bangwaketse go bulela ditsheko le manyalo monongwaga le go ba lekodisa ka go tsosolosa dikgafela, go bitsa mophato o mosha le bogodu jwa leruo jo bo apesitseng kgaolo kobo ka letshoba.

Balemi barui ba buile ka bongwefela ja pelo gore molao o hetolwe ka gore go nna teng ga babueledi (lawyers) go dira gore magodu a leruo a tsietse barui ka gore ga ba na madi a go reka babueledi. Ba boletse fa bogodu bo ile magoletsa ka gore ba lemogile fa babelaelwa ba tshwarwa ba bo ba ntshiwa ka go letela tsheko kwa ntle mme ba senye bosupi.

Ba boletse fa dikgosi di itsi sentle fela thata mebala le matshwao a dikgomo le gore di sikana jang, ba boletse fa ba itsi dithota tsa bone le gore mang o na le dikgomo di le kafe le gore magodu e ka nna bafe.

Ba boletse fa go seka mo makgotleng a Setswana a le botoka thata ka ebile ko go bommakaseterata ditsheko di kgweleana.

Balemi barui ba ntshitse mogopolo wa gore dikotlhao tsa bogodu ja leruo di okediwe go tswa mo dingwaga tse di tlhano go simolola ka tse di lesome le bongwe le botlhano go ya ko godimo.

Ba boletse fa bangwaketse bangwe ba itsi magodu ao mme ba lobela mapodise boammaruri.

Ba kopile gore maphata a puso go balelwa le a khansele ba thuse mapodise ka dikoloi go lwantsha magodu a a tlhakaladitseng mo lefatsheng la Botswana. Bangwe ba boletse fa bat la itseela molao mo diatleng fa molao o sa hetolwe ka gore ba feletswe ke leruo.

Bangwe bone ba buile fa badisa ban a le seabe mo bogodung ja leruo ke gore gape beng ba dikgomo ga ba di tlhokemele ba nna fela ko magaeng.

Bangwe ba ngongoregile ka bogotswana ja banana mo motseng wa Kanye job a boletseng bo rotloetswa ke batsadi ba bas a laoleng sentle.

Ba kopile bangwaketse go dirisana le mapodise go lwantsha seemo sa gompieno , ba bolela fa bommelara ba reka dikgomo go di thaba ko matlhabelong a bone bosigo.

Mo dikgannye tse dingwe tsa moruthutha Kgosi Malope II o ne a bolelela morafe gore o tshwentswe ke kgang e nngwe ka nako ya go ipapaletswa ditlhopho fa mongwe wa mapolotiki mo Kanye ebile e le ngwana wa bone wa Kanye Mokhanselara Alec Seametso a ne a seka a buisa morafe wa Bangwaketse sentle ka kgosi kgolo ya bone yoo seyong mo botshelong ko Maun.

Kgosi Malope II o ba boleletse gore kgang ya teng ga ea mo tsaya sentle mme a kopa borara ja bangwaketse go tlhotlhomisa kgang ya teng gore keng fa ane a tsenya kgosi mo sepolotiking fa a bua ko motseng wa Batawana wa Maun.

Morafe o dumalane go tlhopha komiti go tlhotlhomisa kgang ya teng mme morago ba busi phetolo gore kgato ba batla e tseiwa ka bofefo.

Bangwaketse ba ne ba bua ka go farologana gore leina la kgosikgolo ya bone le ne la gogobisiwa mo diretseng ke Rre Seametso ko Maun fa ane a ipapatsa mo polotiking. BOKHUTLO

Source : B0PA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 15 Jan 2015