Moruti o abela magolegwa dibaebele
15 Jan 2015
Magolegwa a kgolegelo ya Letlhakane mo kgaolong potlana ya Boteti a abetswe dibaebele ke moruti wa kereke ya Nazareth Church of Botswana kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le bone.
E rile a aba dibaebele tseo, Moruti Daniel Khoroguwe o ne a tlhalosa fa baebele e le botlhokwa fela thata ka e le yone e ka fetolang botshelo jwa motho. Rre Khoroguwe a re lentswa magolegwa a tshelela mo kgolegelong e bile ba sa amane gope le setshaba, ba kgathala ka botshelo jwa magolegwa ka ba golagane le bone mo semoweng le mo senameng.
Moruti Khoroguwe o ne a kgotlhatsa magolegwa go ikamogela le go rolela matshwenyego a bone mo modimong ka e le ene fela a ka rarabololang mathata a bone.Rre Khoroguwe o ne a bolela fa e le keletso ya motho mongwe le mongwe go dira tshiamo,a tlhalosetsa magolegwa fa mmaba saatane e le ene a tletseng go raela batho le go senya kagiso mo lefatsheng.
A re o bone go tshwanela gore a tle go abela dibaebele ka lefoko la modimo le ba kgotlhatsa go nna kutlwelobotlhoko fela jaaka modimo a le kutlwelobotlhoko mo bathong botlhe.O ne a gakolola magolegwa go se itlhoboge mo botshelong ka modimo o kgathala ka matshelo a bone. A re magolegwa ba tshwanetse go tsaya tshwetso ya go neela matshelo a bone mo modimong le go dirisana le badisa magolegwa ka seo se ka fetola matshelo a bone.
Mogolwane wa kgolegelo ya Letlhakane Senior Supritendent Gabriel Magole o ne a tlhalosa fa maitlamo a kgolegelo e se go atlhola magolegwa mme e le go fetola matshelo a bone.Senior Supritendent Magole o ne a tlhalosa fa lefoko la modimo e le mpho ya modimo ka jalo magolegwa ba tshwanetswe ke go le bala le go le diragatsa.
Rre Magole o ne a leboga moruti wa kereke ya Nazareth go bo e abetse magolegwa dibaebele ka bontsi ja bone ba sena natso, a tlatsa ka gore lefoko la modimo ke lone le fetolang boitsholo ja motho.A re le ntswa magolegwa ba sa kopane le sechaba,seo ga se reye gore ba latlhegile.
Supritentendt Magole o ne a gakolola sechaba go amogela magolegwa fa ba tswa mo kgolegelong ka seo se ka tsisa mowa wa tsholofelo mo matshelong a bone. BOKHUTLO
Source : B0PA
Author : Oarabile Mawele
Location : LETLHAKANE
Event : Kabo dimpho
Date : 15 Jan 2015






