Palapye o amilwe ke dikotsi tsa tsela
15 Jan 2015
Banni ba Palapye ga ba jesiwe diwelang ke dikotsi tsa tsela tse di diragalang mo motseng.
Ba boleletse mopalamente wa bone, Rre Moiseraele Goya fa ba sa itumedisiwe ke dikotsi tsa tsela tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a batho ntswa bakgweetsi ba tshwanetse go kgweetsa ka lebelo le le ko tlase mo motseng.
Ba re tiragalo e diragetseng bosheng e koloi e thudileng ngwana ya ba ya gapa botshelo ja gagwe ga ya ba itumedisa ntswa fa kotsi e diragetseng teng go na le dikganedi tse di dirilweng go leka go fokotsa lebelo la dikoloi.
Ba kopile khansele go oketsa dikganedi mo tseleng. Kgosi Samuel Maforaga wa kgotla ya Serorome le Kgosi Phetedi Ragabatsewe wa Extension 1 ba buile ba sa kgwe mathe ka dipolaano tse di diragalang mo Palapye tse di bakiwang ke go iphitisa dino.
Dikgosi tse pedi tseo tsa re go le gantsi go diragala ditiragalo tse di bosula mo marekisetsong a bojalwa, batho ba sena go iphitisa dino. Ba re mo godimo ga dipolaano batho ba tlhabana ka dithipa kgotsa ba lwa mo ba felelang ba gobatsa ba bangwe.
Ba kopile mapodisi go tsenya seemo se leitlho. Mo go tse dingwe banni ba dikgotla tse pedi tseo ba ngongoregile ka ditsela tsa bone, ba re di dikhuti ebile ga di tsamaege. Ba re ba dipalamo tsa sechaba ka jalo ba ba folosa kgakala ba tshaba gore dikoloi tsa bone di senyege.
Fa a tswa la gagwe mokwaledi wa khansele ya Palapye Rre Goloswang Ramogala o ba tlhaloseditse fa go dirwa ga ditsela tsa Palapye go ise go felele.
A re ditsela tse di neng di solofetswe go dirwa di ile tsa seka tsa dirwa fa lefatshe leno le amiwa ke kwelotlase ya itsholelo, a tlatsa ka gore khansele mo nakong eno e santse e sena madi a go tshela ditsela tse disha sekontere.
A re khansele ga ya nna fela mme e kopile ba lephata la kabo ya lefatshe ba gompieno ba tsenyang ditlamelo ko Extension 11 go ba thusa go baakanya ditsela dingwe tsa Palapye.
A re tsela e tshwana le e fetang fa Kgolagano College, le e fetang fa khanseleng di tla dirwa di bo di kopanngwa le tse di dirwang ko Extension 11.
Rre Ramogala o tlhalositse gape fa ditsha tse di ko Serorome ele ditsha tse di kgologolo tse di saleng di bewa ke bogosi.
A re ka jalo ditsela tsa teng di ditshesane ka di bapile thata le dijarata mme go nne thata go ka dira ditsela tsa mofuta o.
A re Palapye ga a thulama ka jalo ga gona ko metsi a yang teng mme metsi a ema fela mo ditseleng ka dinako tsa dipula.
A re mmu wa Palapye le one o botobotobo ka jalo se se felela se baka dikhuti mo ditseleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : Palapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Jan 2015






