Tshwaragano e tsisa ditlhabololo
14 Jan 2015
Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya a re tshwaragano ya puso le dikhamphani tse di ikemetseng ka nosi e ka isa motse wa Palapye kwa mankaleng kaleng mo ditlhabololong.
O buile jalo bosheng kwa maitisong a khamphani ya Alindo Engineering ya ba lelwapa loora Mbaakanyi. Alindo Engineering e ne e dirile maitiso go akgolela Rre Goya gore a bo a tsere maemo a bopalamente jwa Palapye a ba a godisiwa maemo go nna mothusa tona wa thuto.
Fa a amogela kakgolo eo, Rre Goya one a kopa gore ba emele motse wa Palapye ka dinao go o tlhabolola bogolo jang ka gore omo seemong se se ntle sa go tlhabololwa jaaka ebile o nale mma dikolo wa dithuto tsa maranyane le pitsa ya motlakase.
A re mo nakong ee fitileng one o dirisiwa ele fa go fitiwang teng go iwa kwa mafelong aa farologaneng a bojanala le magae. A re tsatsi jeno ba Palapye ba motlotlo ka go bona ditlhabolo tsa one di gola malatsi otlhe, a re ke motse oo nang le monyetla o montsi go ka nna pelo ya madirelo mo Botswana.
O tsweletse ka gore puso e batla go fetola ditswa mmung gore dingwe tsa tsone enne tsa maranyane go isa lefatshe leno kwa isagong ee botoka mme seo se ka diriwa gone mo sekolong se se mo motseng o.
A re mme gore go nne jalo ba tshwanetse ba dira dipatlisiso bale mmogo ba tshwaragane ele banni ba motse oneo,mme baka kgona fa ba ka dira gole gontsi ka maranyane.
Kwa bofelong one a leboga boora Mbaakanyi ba eleng bone baba mo diretseng maitiso a ba e bileng ba tlile go supa fa banale banana baba tlileng go tlhama ditiro tsa mefuta ee farologaneng mo Palapye.
Mongwe wa dibui Rre Michael Maforaga ene one a raya sechaba sese neng sele foo go balelwa le tautona wa pele Rre Festus Mogae mafoko a gore ba thuse mo go tlhabololeng Palapye development trust.
Rre Abel Mbaakanyi ene one a itsise mopalamente gore bone ele banana ba motse wa Palapye ba ikaelela go tshwaragana le ene mo go tlhabololeng motse wa Palapye batla leka ka gotlhe mo ba nang legone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Selinah Samson
Location : PALAPYE
Event : Maitiso
Date : 14 Jan 2015






