Breaking News

Banni ba Matsaudi ba batla borogo

14 Jan 2015

Banni ba motsana wa Matsaudi mo kgaolong ya Maun Botlhaba ba ikuetse mo mopalamenteng wa bone Rre Kosta Markus fa ba tlhoka borogo.

Banni bao ba buile mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ka Mosupologo, ba supa fa ba tlhoka borogo go tlolela kwa motsaneng o o kwa moseja ga noka wa Ditshipi.

E rile a amogela mopalamente, Kgosi Boikuelo Ntema a tlhalosa fa batho ba Matsaudi ba na le masika kwa Ditshipi, mme a supa gape gore ba tlhoka ditlamelo tsa bookelo kwa Matsaudi.

Kgosi Ntema o ne a tlhalosa fa Matsaudi a kile a fiwa madi go dira borogo joo, mme madi a felela a isitswe go dira ditlhabololo kwa Khwai. Ka jalo Kgosi Ntema o ne a supa fa motsana wa gagwe o saletse morago thata mo ditlhabololong, mme a tlatsa ka gore ga go itumedise banni ba motsana wa gagwe.

O supile fa go na le letlhoko le lentsi la matlo a badirela puso mo Matsaudi, mme a re bangwe ba nna mo matlong a a pitlaganyeng a a mo seemong se se maswe, fa bangwe ba nna kwa motsaneng wa Shorobe ka ntlha ya letlhoko la boroko.

E rile a ntsha la gagwe, mopalamente Rre Kosta Markus a tlhalosa fa letlhoko la boroko jwa badirela puso le apere kgaolo ya gagwe ka bophara.

Rre Markus o ne a solofetsa banni bao fa a tla a tsaya megopolo le dilelo tsa bone mohago ka e ne e le lone lebaka la phuthego eo.

Fa a ba kgwa kgaba mo kgangnnyeng ya borogo, Rre Markus o ne a tlhalosa fa borogo jwa Matsaudi le Ditshipi bo ne jwa tlhoka go dirwa ka mabaka a gore metsi a noka a ne a le mantsi mme madi a teng a go dirisiwa go dira motshelakgabonyana ko Khwai.

Rre Markus o ne gape a solofetsa banni ba Matsaudi fa a tla a isa selelo sa bone sa motlakase mo motseng kwa palamenteng, a tlhalosa fa e le maikaelelo a puso go phatlalatsa motlakase le dikgaolo.

O ne a kgothatsa banni ba metsana ya Shorobe le Matsaudi go ikopanya go dira lefelo la matlhabelo ka ba ne ba ngongorega gore lefelo la matlhabelo le le ko Kgantshang go bapa le Toteng le kgakala ebile go a tura go isa dikgomo teng.

E rile a ntsha la gagwe, Mokhanselara wa kgaolo eo, Rre Oabile Chombo a supa fa a ikaelela gore ene le Mopalamente ba itepatepanya le seemo sa letlhoko la metsi mo metsaneng ya Shorobe le Matsaudi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Jan 2015