A dikoloto di sa kgoreletse thuto
14 Jan 2015
Megokgo mo kgaolong ya Kgalagadi e gakolotswe go neela baithuti ditlankana tsa bone tsa sekole fa ba se na go fetsa dithuto tsa bone kwa dikoleng tse dikgolwane go itsa gore ba kgoreletsege go tswelela le dithuto tsa bone.
Kgakololo e e builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa, Rre France Van Der Westhuizen, kwa Tsabong bosheng mo nngweng ya metseletsele wa diphuthego tse a di buisang mo kgaolong eo.
Rre Van Der Westhuizen, yop gape e leng mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, o ne a tswelela ka go tlhalosa fa dikoloto tse di amang bana kwa dikoleng, batsadi ba tshwanelwa ke go tsaya boikarabelo ka go di duela, go na le gore di diele bana go tswelela le dithuto tsa bone.
Rre Van Der Westhuizen o ne a kopa gape banni ba kgaolo eo go emisa go utswa diphologolo mo kgaolong eo ka go di tlodisetsa ba di rekisa kwa mafatsheng aa mabapi , a supa fa seo le poelo morago ka diphologolo di ka felela di nyelela ka bonya ka bonya a kaya fa di na le seabe se se ntsi mo itsholelong ya lefatshe leno.
O ne gape a kopa tomagano le tshwaragano mo badirela pusong le setshaba le gone go tlhoka go ipopa semorafe ka seo se ka thusa thata mo go iseng kgaolo eo kwa pele.
Mopalamente o ne a supa fa puso e itlamile go tsweledisa mananeo a puso aa teng, o bile a ba a kopa banni go inakanya le one ka a ka ba tlhamela ditiro le go tokafatsa matshelo a bone.
Dibui ka go farologana ba ne ba mo opela legofi mopalamente go bo a kgonne go fenya mo ditlhophong tsa ngwaga oo fetileng go nna mopalamente wa bone o mo sha, ba kaya fa ba mo ema nokeng ka nako tsotlhe.
Go le pele fa amogela baeng kgosi David Seetelo Toto ll o ne a gwetlha banni ba kgalagadi go ema nokeng mopalamente wa bone ka go mo fa dikgakololo go lekodisa le go rerisana le ene ka nako tsotlhe ka seo se ka mo tlhoufaletsa tiro le gore kgaolo ya bone e tswelele pele ka ditlhabololo.
Kgosi Toto o ne a lebogela dikgosi le dikgosana tsa kgaolo eo go bo ba bone go le botlhokwa go mo tlhopha gape go nna moemedi wa bone kwa ntlung ya dikgosi gammogo le kgosi Isaac Titus wa Struizendam yo ene a itlhopetsweng ke puso.
Baememdi ba mapahata ka go farologana ba ne ba nna le sebaka sa go araba go rarabolola le go tsibogela dingongorego tsa morafe mo phuthegong eo.
Mokwaledi wa khansele Rre Joshua Maluleke o ne a gakolola morafe wa motse oo go duela dikoloto tsa bone tsa SHHA, a kaya fa go thatafaletsa khansele go thusa baikopedi ba bangwe ka e tlhaelelwa ke madi.
Kgang ya letlhoko la metsi e ne ya nna yone tshoso e rweleng mo phuthegong eo,kgosana Piet Kaartze o ne a bua a menne phatlha a supa ba koporase ya metsi fa ba sa tlhwaafalela tiro ya bone ka go siela setshaba metsi ka ba kgona go nna sebaka sa beke go sena metsi.
Fa a leboga mo phuthego n geo monnasetilo wa khansele ya kgalagadi Rre Justice Nkwane o ne a kopa makhanselara , molaodi, boeteledipele jwa metse le ba tsaa karolo botlhe go nna seopo sengwe ba tshwaraganye le go dira mmogo le mopalamente gore kgaolo eo e tle e kgone go tlhabologa ka e saletse thata kwa morago ka ditlhabololo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Phuthego
Date : 14 Jan 2015






