Breaking News

Mahalapye o ikgantsha ka Merafhe

14 Jan 2015

Makgolokgolo a batho a ne a thologetse kwa kgotleng kgolo ya Mahalapye ka Laboraro (Hirikgong 14) go gopola mopalamente wa pele wa Mahalapye Bophirima, Lt Gen. Mompati Sebogodi Merafhe.

Serepa sa ga Lt Gen. Merafhe, yo gape a kileng a nna mothusa tautona  le tona wa meraro ya mafatshe a sele, se gorogile kwa kgotleng ya Mahalapye ka nako nako ya bosupa mo mosong se patilwe ke ba lelwapa la gagwe le mokwaledi wa ga tautona Brigadier George Tlhwalerwa.

E rile Kgosi Tsoebebe Segotsi a amogela baeng, a galaletsa ba lelwapa la ga Lt Gen. Merafhe le tautona wa lefatshe leno gammogo le mmuso wa gagwe go letelela serepa sa ga Rre Merafhe go tsena ka motse wa Mahalapye gore batho ba kgone go mo laela ka e nnile mopalamente wa bone dingwaga dile masome a mabedi le boraro.

A re kantlha ya boikarabelo, bonatla le bokgoni jwa ga Gen. Merafhe, Mahalapye o kgonne go nna le ditlhabololo tse di akaretsang phatlalatso ya metsi mo motsing, kgokelo ya motlakase mo ditseleng tsa mekgwatlha le paakanyo ya ditsela.

Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae e bile ele mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso o boletse fa General e ne ele motho yo kutlwelo-botlhoko e bile a le lerato mo go direleng lefatshe la gagwe.

Mme Tshireletso a re ka ntlha ya ga Lt Gen. Merafhe, Mahalapye o kgonne go nna le ditlhabololo jaaka sepatela sa bobedi, kampa ya bobedi ya mapodisi le sekole sa diphalana se se neng se tlhokomelela bana ba batsadi ba bone ba neng ba imile bale mo dithutong.

Mothusa kgosi ya Mahalapye, Kgosi Tshipe Tshire o tlhalositse fa Gen. Merafhe a tshwanelwa ke go akgolwa ka jaana a diretse batho ba Mahalapye ditlhabololo dile mmalwa di akaretsa sekole sa badiri ba dikgolegelo, kago ya leobo la kgotla, kago ya sekole sa ithutelo ditiro tsa diatla se se tlwaelesegileng ka leina la CITF le go tsosolosa sekole sa Madiba Brigade se mmuso o neng o ikaelela go se tswala kantlha ya go phutlhama ga sone.

Bangwe ba dibui mo tirelong eo ya segopotso sa ga Lt Gen. Merafhe e ne ele Rre Tsholofelo Segaise, Rre Jinamo Morupisi le Rre Odirile Merafhe yo a neng a akgolela banni ba Mahalapye tirisano mmogo e lolameng fa gare ga bone le motsadi wa bone ka nako ya e le mopalamente wa kgaolo ya bone go tsweng ka 1989. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Segopotso

Date : 14 Jan 2015