Ba Mogorosi ba nna mo letshogong la ditlou
14 Jan 2015
Banni ba Mogorosi kwa kgaolong ya Legare ba tlhalosa fa ba tshelela mo letshogong le legolo tebang le go gobeya ga segopa sa ditlou mo tikologong ya bone.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng,kKgosi wa motse oo rre Kago Pherethego o ne a tlhalosa fa ditlou tseo tse a kaileng di le mmalwa ka palo di bonwe ke bangwe ba banni ba motse oo kwa masimong a Maleejane a dikhilomethara di seekae fela le motse.
Kgosi Pherethego a re ke sa ntlha ba nna le tlhagogelo ya diphologolo tsa naga di tshwana le tse mo motseng wa gagwe mme a tlhalosa fa ba begetse ba lephata la diphologolo le makgabisa naga la ofisi ya Serowe go ba tswa thuso.
Mo potsolotsong mogolwane wa lephata la diphologolo le bojanala kwa ofising ya Serowe Rre Modibe Mangole o ne a rurifatsa fa seo e le boammaaruri a tlatsa ka go tlhalosa fa ditlou tseo di setse di aname le kgaolo ya Legare mo mafelong a tshwana le Palapye, Radisele, Mabeleapodi le mafelo mangwe a dikgaolo tsa Tswapong.
O tlhalositse fa mo dingwageng tse di fetileng ba ne ba a tle ba begelwa dikgang tsa mofuta o tsa go tlhagoga ga ditlou mme gompieno palo ya tsone e le e e kwa godimo fela thata.
Ka jalo a re ka go le paka ya temo ba na le pelaelo ya gore di ka tla tsa baka tshenyo e e senkana ka sepe kwa masimong.
A re ba setse bana le dipego tsa tshenyo tsa diterata tsa masimo mme a tshephisa banni gore ba tla dira ka bojothe go leka go laola seemo sa tsone go boela mo taolong.
Rre Mangole o bile a kopa banni ba kgaolo ya Legare go nna podi matseba ka nako tsothe a re ba tshwanetse go ikela tlhoko mo metsamaong ya bone gope fela kwa ba go tsamayang mo tikologong eo, a re di ka nna borai fela thata mo matshelong a bone.
A re tlou ke phologolo e e sa tsamaisaneng le ntsa, ka jalo a tlhagisa banni bao gore fa ba di bona ba seka ba di kuelela dintsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mariam Onyafetse
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 14 Jan 2015






