Temo seikokotlelo sa Motswana
14 Jan 2015
Mothusa kgosi kwa Paje mo kgaolong ya legare, Rre Nagano Martin, o gwetlhile balemi ba lefatshe leno go tsaya temo tsia ka go tlhokomela masimo a bone fela go tloga mo nakong eno ya temo go fitlha ka nako ya thobo go ntsha maduo a a nametsang.
O buile jalo mo potsolotsong bosheng. O ne a tlhalosa fa temo e tshwana fela le ngwana yo a tlhokang tlhokomelo e e rileng go tswa fela kwa bonyenyaneng. A re temo ke seikokotelo sa Motswana mongwe le mongwe ka jalo a tlhalosa fa e ka tsewa ka tlhoafalo e ka tsisa pharologanyo e tona mo go tokafatseng matshelo a Batswana.
Kgosi o tlhalositse fa Motswana mongwe le mongwe a ka ema ka dinao mo temong go dira dijo go ka fokoletsa puso ya lefatshe leno go ikaega ka yone mme seo se dire gore go nne le ditlhabololo ka jaana madi a a ka bong a dirisiwa go tlamela batho a tla dira ditiro tse dingwe tsa puso.
“Nako e gorogile ya gore Batswana ba intshe mo moweng wa go ikaega fela mo pusong mme ba dirise mananeo a puso e a beileng pele jaaka la ISPAAD go fetola matshelo a bone” a bua jalo Kgosi a tlatsa ka gore temo mo malatsing a e ka dirisiwa ele kgwebo go na le pele mo go neng go lemelwa go ja fela.
Kgosi Martin o kgadile bobe a sa kgwe mathe bangwe balemi ba ba nang le gore fa ba sena go lema ba bo ba phuaganya masimo a bone a fetoga phulo ya leruo sebe sa phiri e ne e le go lemela madi a puso fela.
A re selo seo ke tshenyetso sechaba ka jaana puso e a bo e dirisitse diketekete tsa dipula go ba tlamela ka tsotlhe tsa temo tse di tlhokegang mme go bo go ngomola pelo go bona temo ya bone e sa ba solegele molemo e le mo go dirilweng ka bomo.
O bile a kgothatsa beng ba leruo go le tlhokomela ka go le tlhatlhela nako le nako go le itsa go gobeya mo masimong a batho.
Go ntse go le foo, Kgosi o ne a supa fa balemi ba motse wa gagwe mono ngwaga ba tshologetse temo ka dipalo tse di nametsang mme fela a supa fa ba lebanwe ke kgwetlo e tona ya letlhoko la diterekere ga mmogo le di dirisiwa tsa temo ya sesha.
A re selo se ka bo sone se ka nna le seabe mo go bakeng gore temo e nne boutsana monongwaga mme go fokotse thobo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mariam Onyafetse
Location : SEROWE
Event : Puisano
Date : 14 Jan 2015






