Breaking News

Puso e kopa megopolo ya mananeo

14 Jan 2015

Banni ba kopilwe go akanya mananeo a mangwe a nyeletso lehuma a bone ba bonang a ka ba thusa mo motseng wa bone.

Mafoko a, a builwe ke mothusa tona wa Ofisi ya ga Tautona le Bodirelapuso, Rre Philip Makgalemele kwa Letselentle mo kgaolong ya Shoshong bosheng.

Rre Makgalemele o tlhalositse fa go na le mananeo a le mantsi a nyeleltso lehuma mme puso e lemogile fa a mangwe a ka se kgonege kwa metseng mengwe mme ka jalo a kopa banni go gololesega go ntsha megopolo ya gore ba ka nyeletswa lehuma ka mananeo afe.

O kopile banni gore megopolo eo, puso e tlaa e sekaseka mme ba fiwe phetolo gore a megopolo ya bone e atlegile. A re mme puso e ikaeletse gore Motswana mongwe le mongwe kwa a le teng a akole manaeo a a nyeletso lehuma, gore batle ba kgone go itshetsa.

Mo go tse dingwe mothusa tona o ne gape a gakolola banni ba motse oo go ema ka dinao ba tlhame kopora e ka yone b aka kgona go hema letlhoko la ditiro mo motsaneng wa bone.

O ne a tlhalosa gore maduo a go nna le kopora a supile fa a nale maduo a matle mme ka jalo, le go reka diabe mo koporasing eo gore e gole. E ne ya re go le pele Kgosi ya motse, Kgosi Ketsieditswe Seboka a tlhalosesa fa ba sokodisiwa ke tsela e e tsenang mo motseng wa bone. 

Kgosi Seboka a re tsela eo ele sekgwa fela thata mme e sokadisa, a tlatsa ka gore tsela e key one e dirang gore ba seka ba bona ditlamelo.

O ne a tlhalosa fa banana ba motse bas a bone dipe ditlamelo, di tshwana le ditiro kgotsa mananeo a nyeletso lehuma a tshwana le la Ipelegeng.

A re se sengwe selelo sa motsana wa gagwe ke letlhoko la metsi le le ileng magoletsa, a tlhalosa fa ba a nwa metsi fela a a seng phepa ka go sena se baa k se itirang.

Kgosi Seboka o ne a bua ka pelo e e botlhoko gore motse wa Mosolotshwane o gola o fitlhela motse wa Letselentle o ntse o le teng mme Mosolotshane o ne wa tlhabologa w aba wa bewa motse ba ntse ba le teng.

Mo go tse dingwe Kgosi o ne a tlhalosa fa jaanong bone bas a tlhole ba itse molelwane wa bone le ba motse wa Moiyabana.

A re motse wa Moiyabana o golela mo go bone mo jaanong ba setse ba tshoga ba belaela fa ba batla go ba tsaya.

O ne a kopa gore molelwane yoo o tshwanetse go dirwa setle mme wa itlhalosa gore ba itse fa ba teng gore batho ba seka ba ba tseela lefatshe.

Go tswa kwa Ofising ya molaodi kwa Mahalapye, Rre Tlhobogano Maroba o ne a tlhalosetsa banni gore fela jaaka Motswana mongwe le mongwe ba tshwanetse ke goakola mananeo a puso, sebe segolo ke gore motsana wa bone ga o ise o tlhomamisiwe ka fa molaong ke ka jalo bas a kgoneng go akola mananeo a puso.

Rre Maroba o ne a tlhalosa fa le fa go ntse jalo bodirelapuso jo bo kwa Mosolotshane ba tshwanetse go bona gore ba bona ditlamelo dingwe di tshwana le tsa booki. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Jan 2015