Boranyane bo tla a thusa kanamiso ya melemo
14 Jan 2015
Mopalamente wa Molapowabojang/Mmathethe, Dr Alfred Madigele a re puso e tla kgaotsa selelo sa balwetse sa go tlhaela ga melemo mo dikokelong mo dikgaolong, ka go rulaganya le ba Central Medical Stores go gokagana le bone ka boranyane go isa melemo nako e le teng.
Dr Madigele o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla kwa Molapowabojang, Diabo le Digawana ka Mosupologo. Tsholofetso eo e dule morago ga gore bontsi jwa bagolo ba ba lwalang malwetse aa akaretsang jwa madi a matona, kankere le sukuri ba supe fa dipilisi di tlhaela mo dikokelong bogolo jang mo dikgaolong.
Bangwe ba ne ba ngongorega fa melemo mengwe o fitlhela e seo mo dikokelong mme ba bongaka ba laele gore ba ipatlele ko marikisetsong a melemo mo dikhemisiting, ba boletse fa a tura thata. Ngaka Madigele o boletse fa seemo seo ba se rekegetse tsebe mme ba dirile gore jaanong gonne le sebalamakgolo sese tla lomaganang le tsa dikgaolo go nna ba itsisane ka seemo sa melemo gore e tsamaya fa kae mme ga e fela ba itsisane nako e le teng gore e isiwe.
Dr Mdigele, yo gape e leng Mothusa Tona wa Botsogo, o boletse gore jaaka seemo sa itsholelo se solofetsa jaana ba tsile go tsholetsa dikokelwana go nna dikokelo tsedi nang le dikamore tsa pelegi, machine oo bonesang le ee monang madi.
O boletse fa ba tsile go dira jalo mo ngwageng wa madi o o simololang ngwaga o no, di tla tsena mo NDP 11.
O boletse fa ba tsile go aga matlo a baoki mo Botswana otlhe a le 200, mme ba tla le ba ko letlhokong le lentsi teng thata, a sofetsa ba Digawana le Molapowabojang batla akanyetswa ka gore dipalo di supa fa ba godile thata.
Mo dikgangnye tse dingwe o kopile banni ka kakaretso go itlhatlhobela malwetse otlhe ka mehuta le fa ba sa lwale go itsi seemo sa bone nako e le teng. A bolela fa bontsi bo lemoga fa ba lwala go setse gole thata.
Le fa gontse jalo tona o ba lebogetse go banni go mo tlhopha go nna maoto a bone mo kgaolong ee bophara ya Mmathethe/Molapowabojang, o boletse gape fa tautona le ene a bone gole botoka gape go mo dira mothusa tona ya botsogo. O boletse fa a tla taboga thata go tlhabolola kgaolo ya gagwe.
Mo dikakgelong banni ba Molapowabojang ba kopile gore kokelo ya bone e nne ee berekang bosigo le motshegare (24 hrs)e nne le ntwana ya pelegisetso le bodiredi jo bo lekaneng. Ba kopile lephata la botsogo gore le wele mo khanseleng ya borwa gona le teropo ya Lobatse jaaka go ntse.
Banni gape ba ikuetse thata ka bogodu ja leruo jo bo golelang pele mme babelaelwa ba gololwa ka bonako mme ba ipoeletse gape go utswa.
Ba ngongoregile ka bomaswe ja ditsela, ba bolela gore fa dipula di nele bana ga ba tsene sekole ka ntata ya melapo ee fa gare ga motse ga mmogo le babereki ga eye ditirong.
Ko Digawaneng fela jaaka ba Molapowabojang ba lelile thata ka tlhaelo ya metsi mo motseng le mororo phaphe ya metsi e feta mo metseng ya bone e ya ko Goodhope. Ba kopile gore ba banne le koloi ya kgotla gore e thuse go tshwara magodu a dikgomo a ikgatlhang tsatsi le penne ka go utswa.
Ba ngongoregile ka balami barui bangwe ba basweu ba ba nnang go bapa le bone ba bareng ga ba dirsane le bone sentle, ba boletse fa borradipolase tseo ba bolaya dikgomo tsa bone ka botlhole fa di tsene mo polaseng tsa bone.
Ka kgang ya dikereke tsedi runyang thata malatsi a no, puso e ntshitse mogopolo wa gore palo ya go ikwadisa go dira kereke e nne batho ba le 250 gotswa ko go 20 jaaka gone go ntse pele. Mme morafe ka bontsi ba dumalane go palo ya 250 ebile e nnnye ba bolela le bone ba tshwenngwa ke dikereke tsedi runayang tsatsi le letsatsi.
Mo go tsa metsi modiredi mogolo wa metsi (water Utilities) Rre James Moyo o boletse fa pula e nele e le boutsana mo kgaolong ya borwa mo ebileng didiba ka bontsi di kgala, o boletse fa ko ba tsayang metsi teng ko Gaborone gole thata ka letamo la Gaborone le kgadile.
O boletse fa bangwe barui ba kgaola diphaephe ba nosa leruo la bone. O boletse fa batla leka ka tsotlhe go lwantsha seemo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Diphuthego tsa kgotla
Date : 14 Jan 2015






