Breaking News

Mananeo a fetola matshelo

13 Jan 2015

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Shashe Mooke Mme Kenalemang Nono a re mananeo a puso a maikaelelo a one e leng go tlhabolola matshelo a Batswana a tsweletse ka go dira sentle mo motseng oo.

Mme Nono o buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng mme a supa fa ba itumedisiwa ke go bona mananeo a a akaretsang a nyeletso lehuma a tsweletse ka go dira sentle e bile a ntsha maduo.

A re lenaneo la thuo ya dihutshane la LIMID, ditshingwana tsa merogo, kapei ya borotho le a mangwe ka go farologana, a atlegile e bile a fetotse matshelo a bangwe.

Mme Nono a re motlhala wa mananeo o a bonala ka jaana bangwe ba setse ba le mo seemong sa go itshetsa ntle le go ikaega gope e bile ba gatetse pele.

A re bangwe ba setse ba itiretse dilo tse di bonalang e bile di kgatlhisa ka tsone dipoelo tse ba di bonang ka mananeo a, mme a tlatsa ka go supa fa tlhokomelo e ba ba thusitseng ba e supang tebang le mananeo, e kgatlhisa.

Mme Nono a re ntswa dikgwetlho di atle di tlhagoge tebang le mangwe mananeo, a re se se itumedisang ke gore fa bothata bo tlhagoga, ba ba amegang ba ikopanya le diofisi tse di maleba go kopa tharabololo.

O bile a bolela fa bangwe ba neng ba filwe dikoko ka lenaneo la LIMID, ba ne ba welwa ke seru ka jaana dikoko tsa bone di ne tsa tlhaselwa ke leroborobo.

Le fa go ntse jalo, Mme Nono a re ofisi ya molemisi e itse ka seemo se e bile e dira ka gotlhe go thusa ba ba amegileng gore ba busetswe dikoko gape.

Mme Nono o bile a supa gape fa banana ba motse le bone ba gatetse pele ka jaana bangwe ba setse ba filwe madi a banana go simolola dikgwebo ka go farologana.

Go sale foo, Mme Nono o bile a akgola mapodisi ba ba direlang mo motseng ga mmogo le baithaopi ba sepodisi le komiti ya twantsho borukhutlhi, a supa fa ba dira tiro ya bone ka botswapelo ka jaana ditiro tse di rotloetsang borukhuthi ga di tshwenye mo motseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 13 Jan 2015