Ngwana o na le tshwanelo ya thuto
13 Jan 2015
Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae gape ele mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba Mme Botlogile Tshireletso o tlhalositse fa ngwana mongwe le mongwe a nale tshwanelo ya go tsena sekole ka tshosologo.
E rile a buisa diputhego tsa kgotla kwa metseng ya Makwate, Shakwe le Taupye bosheng, a tlhalosetsa banni ka tse di neng tsa buwa kwa palamenteng.
O ne a ba tlhalosetsa ka gore go dumelwanwe le bagokgo ba dikole gore go seka ga tlhole go nna ope ngwana yo o palelwang ke go tsweledisa dithuto tsa gagwe gotwe ga a fiwe setlankana ka gobo a kolota sekolo.
A re tshwetso e, e tserwe morago ga gore go lemogiwe fa ban aba le bantsi ba kgona go siiwa ke dithuto kgotsa bas a tswelele le dithuto gotwe ba kolota dikole tse baneng ba tsena kwa go tsone.
Mme Tshireletso o tlhalositse fa thuto e le boswa jwa botshelo mme ke tshwanelo ya ngwana mongwe le mongwe gore a nne le sebaka sa go ka tswelela le dithuto tsa gagwe.
A re sekoloto seo ke kgang ya sekole le motsadi, mme bana ga go na fa ba tsenang teng ka bone ga ba itse sepe, mme ba tshwanetse ke go tswelela le dithuto tsa bone gore isago ya bone e nne ntle.
O ne a ba tlhalosetsa gape le gore palamente e tsere tshwetso ya gore merogo, maungo le dijo dingwe di akaretsa phaleche le raese di seka tsa tsenngwa madi a VAT gore mang le mangy o o kgonang go di reka a di reke ka tshosologo.
A re go lemogile fa maungo le merogo ele dijo tse di agang mebele, mme e bile bogolo jang thata mo malatsing a gompieno a malwetsi a leng mantis.
O ne a tlhalosa gore maungo le merogo e e seng mo dithing key one fela e e sa tleng go tsenngwa VAT.
Mo go tsa ditlhabololo mothusa tona o ne a tlhalosetsa banni ba metse eo gore lefatshe leno fela jaaka mafathse a mangwe le ne la amiwa ke kwelo tlase ya itsholelelo mme mo bogompienong lefatshe ka bophara le a tokafala ka jalo ditlhabololo dingwe tse di neng di emisitswe di tsile go tswelela go lebilwe gore ke ofe motse yo o nang le botlhoki jo bo ntsi thata.
Fa abua ka tse dingwe, Mme Tshireletso o ne a kopa banni ba metse e meraro eo gore khuduthamaga ya e ne ya dumelana gore seemo sa go kwadisiwa a di kereke se fokotsege ka mo malatsing ano dikereke di ruya dile di ntsi.
O ne a ba tlhalosetsa gore go akantswe gore palo ya masome a mabedi ga e sa tlhole e bereka mme ka jalo ba akantse gore palo e, e oketsege mme e enne makgolo a mabedi le masome a matlhano.
O ne a re o kopa megopolo mo banning gore bone kgang e ya dikereke ba e bona jang, gore e nne ditumalano tsa botlhe, e seka ya nna tshwetso ya puso fela.
Fa bam o kgwa dikgaba banni ba metse eo, ba ne ba dumelana gore le bone fela ba tshwentswe ke go ruya ga dikereke mo lefatsheng leno tse dingwe tsa tsone di okeletsang batho lehuma.
Ba ne ba re palo ya makgolo a mabedi le masome a matlhano e ka okediwa, mme e bile gape go lebilwe le gore motho fa a batla go bula kereke a botsweloswe fela thata gore o itse go le kae ka Modimo.
Ba re fela jaala dingaka fa di bula dipatela di a botsoloswa mme go dirwa dipatlisoso tse di tseneletseng mme le ka dikereke go dirwe fela jaloka gongwe dikereke di ka fokotsega mo lefatsheng leno bogolo jang tse di bulwang ke batswakwa.
Le fa go ntse jalo banni ba metse e meraro eo, ba ne ba lela that aka lenaneo la nyeletso lehuma ba re bontsi jwa bone ba tswa g rutintshiwa mme go tsaya lobaka gore b aka fiwa ditsompelo kgotsa didirisiwa go simolodisa dikgwebo potlana tsa bona.
Mo go tse dingwe ba ne ba kaya fa metse ya bone e gola ka jalo palo e e hirwang mo lenaneong la ipelegeng e kwa tlase fela thata, mme ba kopa mothusa tona go seka seka kgang e ya gore dipalo tsa babereki ba lenaneo le di okediwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : MAHALAPYE
Event : Diphuthego tsa kgotla
Date : 13 Jan 2015






