Banana ba Ghanzi ba inaakantse le ditagi
13 Jan 2015
Kgosi ya motse wa Ghanzi Kgosi Roger Lekgothu o ngongoregela maitshwaro a banana ba motse wa gagwe ba a kayang ba inaakantse thata le ditagi di tshwana le bojalwa le motokwane.
Mo potsolosong le Bopa ka Mosupologo (12/01/2015) Kgosi Lekgothu o kaile fa banana ba motse oo ba itontela bojalwa phetelela ebile ba goga motokwane mo go feteletseng.
Kgosi Lekgothu o tsweletse a supa fa banana ba Ghanzi ba sa kgathegele le gone go ka dirisa mananeo a puso a a diretsweng go ba ntsha mo lehumeng le gone gore a ba thuse go ikgapha mo ditaging tse di tsayang bontsi jwa nako ya bone.
A re banana ga ba tsene diphuthego tsa kgotla go ya go ithuta ka mananeo ao le fa babereki ba puso ba na le kgathego ya go ba rotloetsa go dirisa mananeo ao. A re go le gantsi diphuthego tsa kgotla di tsenwa ke ba ba amegang mo mananeong ao ba eleng gore ba bone go le maleba go itirela sengwe ka go itshimololela dikgwebo.
Kgosi Lekgothu o supile fa go sena mosola go bua le banana ba motse wa gagwe ka go ikgapha mo ditaging ka jaana ba sa reetse ebile ba kaya fa ele dilo tsa sesha jalo ba tsamaya le diphetogo tsa sesha ebile ba ka se reetse bagologolo.
Kgosi o ne gape a supa fa botlhoka-tsebe jwa banana bo ba ile tlhogong ka jaana go se motlhofo go ba tsenya mo tseleng. A re le bolwetsi jwa HIV/AIDS bo ama thata banana mo motseng oo ka lobaka la gore ba nna ba tagilwe fela ebile bontsi jwa nako ba sa itlhaloganye gore ba dira eng.
A re ba itontela bojalwa le go ipolaisa motokwane mme morago ba latlhegelwe ke tlhaloganyo ya se ba se dirang mme ba felele ba dira dilo tse di ba gogelang le gone go tsenwa ke bolwetsi. O ne gape a kaya fa ba leka go ba ruta ka bolwetsi le gone go itlhokomela gammogo le go ikgapha mo ditaging gore ba kgone go boloka matshelo a bone ka go fenya bolwetsi joo.
Kgosi Lekgothu a re selo se sengwe se gongwe se ka tswang se baka gore banana ba inaakanye thata le ditagi ke gore ga gona mafelo a ituso bodutu mo Gantsi a ba ka a etelang go ikgapaha mo dilong tse di maswe tse di ka ba senyetsang matshelo a tlatsa ka gore go ne go ka nna botoka fa ba ne ba ka direlwa sengwe sa ituso bodutu gore ba kgone go ikgapha mo ditaging le botlhoka-tsebe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Dinah Johane
Location : GHANZI
Event : Potsolotso
Date : 13 Jan 2015


