Kgetsi ya tsie...
13 Jan 2015
Kgosi Oletsositse Mosweu wa motse wa Dukwi a re ga a jeswe diwelang ke bangwe batsadi ba ba nnang ko merakeng ya Malelejwe le Tshwaane, ba ba sa tsibogeleng dithuto tsa bana ba bone.
O buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng mme a supa fa bangwe batsadi kwa merakeng eo ba tsweletse ka go roma bana ba bone ditiro tse di ba kgoreletsang go tsweledisa dithuto tsa bone.
Kgosi a re puso e intshitse setlhabelo gore ngwana mongwe le mongwe a seka a tlhaelwa ke thuto ka jalo go dirilwe thulaganyo gore bana go tswa mo merakeng eo ba tsene sekolo kwa motseng wa Maposa.
A re ka dinako tsotlhe fa dikolo di bulwa, bana bao ba a tsewa ka dikoloi tsa puso mo mafelong a bone go isiwa kwa sekolong, mme e re di tswalwa ba busetswe gape kwa mafelong a bone.Kgosi Mosweu a re ka one malatsi a sekolo fa ba le ko Maposa ba nna le motlhokomedi, ba fiwa boroko, dijo le ditlamelo tse dingwe tsa botlhokwa.
Jaanong Kgosi a re ga a itumedisiwe ke go bona bangwe batsadi ba sa eme maiteko ao nokeng ka jaana ba tsweletse ka go roma bana ditiro tsa go disa le go bapala bojang le tse di ngwe tse phelelong di kgaupetsang dithuto tsa bana.
Kgosi Mosweu o bile a supa fa bangwe batsadi ba rotloetsa bana go inyadisa ba gabile dipoelo mo manyalong ao.
A re one manyalo a a na le seabe go rotloetsa boimana jwa dingwaga tse di ko tlase, thobalano ka dingwaga tse di ko tlase le tse dingwe tse di fatlhang. Kgosi o kgalemile mokgwa o a menne phatla a supa fa seo e le kgokgontsho e bile go rontsha bana tshwanelo ya bone ya go ithuta le gone go ka ipatela bokamoso jo bo rileng.
A re puso e tsweletse ka go dirisa madi madi e tlhabolola seemo sa thuto e bile e dira maiteko a gore ngwana mongwe le mongwe a bone sebaka sa go amogela thuto go sa kgathalesege gore o tswa mo lefelong lefe.
Ka jalo, Kgosi Mosweu a re batsadi ba tshwanetse go boela morago mokgwa oo wa go kgaupetsa dithuto tsa bana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 13 Jan 2015






