Mopalamente o leboga batlhophi
13 Jan 2015
Mopalamente wa kgaolo ya Jwaneng-Mabutsane Rre Shawn Ntlhaile o akgoletse banni ba metse ya Thankane le Samane go bo ba nnile le seabe mo ditlhophong tsa lefatshe tsa ngogola.
Erile a buisa diphuthego kwa metseng eo bosheng, Rre Ntlhaile a tlhalosa fa go tlhopha ga bone ene ese go diragatsa tshwanelo ya bone fela, mme ebile go tlhotlheletsa puso ya batho ka batho e lefatshe leno le itsegeng ka yone.
O ba boleletse gore jaaka ele morongwa wa bone o mosha, o ikaelela go emela kgaolo ka dinao a tshwaragane le badiri ka ene kwa khanselelng gammogo le badirela puso.
A re tshwaragano ya batsaya-karolo ka go farologana key one e ka thusang go fefosa ditlhabololo mo metseng ya bone le go ba tlisetsa ditirelo ka nako.
Rre Ntlhaile are ere ntswa batho ba farologanye ka diphathi tsa sepolotiki, ba tshwanetse go beela diphapang tseo kwa thoko mme ba bereka mmogo go itebaganya le go tlisetsa Batswana ditlamelo.
A re ere ntswa ele ene morongwa wa kgaolo, o tlaa ba a ikaegile ka ofisi ya ga molaodi ka bogakolodi ka jaana ele yone e lomaganyang ditlamelo le ditirelo tsa kgaolo.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Ntlhaile one a supa fa maduo a sekole se sebotlana sa Thankane a le kwa tlase fela thata mme ebile ele seemo se se tlhokang go potlakelwa.
A re ere ntswa a lemoga gore go ka tswa go na le dikgwetlho, batsadi ba tshwanetse ba ema ka dinao go thusanya le bogosi jwa sekole go tokafatsa maduo a bana.
A re ba tshwanetse ba thulanya ditlhogo go tswa ka thulaganyo e e tsepameng e e tlaa thusang go tokafatsa seemo ka bonnyennyane jwa ditlamelo tse di leng teng.
Erile bamo kgwa dikgaba, banni ba motse wa Samane ba tlhalosa fa dituelo tsa babereki ba Ipelegeng di tsaya lobaka fa ba sena go wetsa tiro.
Bare selo se se dira gore ba feletse ba adima madi gore ba kgone go rekela bana dijo.
Ba boletse fa gape ba sena kitso e e tletseng ka mananeo a nyeletso lehuma mmeba felele ba palelwa ke go a akola jaaka go tshwanetse. Ba ne ba kopa gape gore ba letlelelwe go tsaya ditlamelo kwa Jwaneng ka go le gaufi le bone gona le Mabutsane.
Kwa Samane gone Mme Dineo Petso o ne a kopa gore ba remelwe ditlhare ka lenaneo la Ipelegeng go henosa ditsela tsa masimo ka jaana go sena fa diterekere di fetang teng go ya go lema.
Ba bangwe ba ne ngongorega ka dituelo tse di kwa godimo tsa metsi, tse ba reng di ba itsa go akola mananeo a nyeletso lehuma sentle a tshwana le ditshingwana tsa merogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : JWANENG
Event : Diphuthego tsa kgotla
Date : 13 Jan 2015






