Seemo sa tlhaelo ya metsi se tlaa fela
13 Jan 2015
Mopalamente wa Mahalapye Rre Joseph Molefhe o boleletse banni ba Mahalapye mo phutlhegong ya kgotla gore seemo sa tlhaelo ya metsi mo dikgotlaneng tsa Ngakaagae, Madiba le Flowertown se tlaa fedisiwa monongwaga morago ga kgaoganyo madi a setshaba.
A re mo palamenteng e fetileng tona wa lephata la meepo,kgotletso le metsi, tona wa lephata la botsogo le tona wa lephata la itshireletso molao le tlhokgamo ba mo tlhomamiseditse fa e tlare morago ga kgaoganyo madi a setshaba mo nwageng wa madi wa 2014/15 ba fedise selelo sa banni ba Mahalapye sa go tlhaela ga metsi mo dikgotleng tsa Madiba,Ngakaagae le Flowertown.
Mopalamente o tlhalositse fa dingwe tsa ditlhabololo tse di tla dirwang mo ngwgeng wa madi wa 2014/15 ele go tsosoloswa ga dikago tsa kampa ya pele ya mapodise le dikago tsa sepatela sa bogologolo tse di tla thusang go imolola mosuke wa balwetse mo kokelong e ntsha le mokgweleo wa batho ba ba kopang thuso mo kampeng ya gompieno ya mapodise.
Rre Molefhe o boleletse batlhophi ba kgaolo ya gagwe gore mo pegong ya ga tautona ya tekodiso ka botsogo jwa setshaba,one a ngongorega ka ditsela tsa lefatshe leno tse a reng di mo seemong se se sa itumediseng,tiego ya phatlalatso ya metsi mo dikgotleng tsa Mowana le Ngakaagae le go kopa gore dikokelwana tse tlhano tsa motse wa Mahalapye di atlolosiwe gore dikgone go bereka oura tse di masome a mabedi le bone (24 hrs).
A re dingwe tse a neng a ngongorega ka tsone kwa Palamenteng ke letlhoko la madirelo a ka direlang banana ditiro le go hudusetswa ga lekalana la CEDA le Banka ya ditlhabololo tsa setshaba kwa Palapye mo go dirang gore banana ba ba eletsang go simolola dikgwebo ba tsamaye mosepele o moleele goya go kopa dithuso kwa Palapye kana Serowe.
Mo phutlhegong eo Rre Molefhe one a lekodisa banni ba Mahalapye ka melao e neng ya buisanngwa jaaka paakanya molao wa kwadiso ya makgotla a dikereke gore jaanong dikereke tse di tla kwadisiwang kafa molaong di bo dina le maloko ale makgolo a mabedi le masome a matlhano le molao wa phimolo lekgetlho la VAT go imolola Batswana ba ba eletsang go reka diterekere mokgweleo wa makgetlho ntswa ba kgethela dikgwebo tsas bone ngwaga le ngwaga.
Mopalamente o weditse mafoko a gagwe ka go lekodisa banni ba Mahalapye fa tautona Lt General Seretse Khama Ian Khama a ntshitse taelo ya gore serepa sa ga mothusa tautona wa pele wa lefatshe leno e bile e kile ya nna mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Lt General Mompati Sebogodi Merafhe se tsene pele mo kgotleng ya Mahalapye pele ga se ka fitisetswa kwa Serowe ka laboraro wa beke eno gore batho ba Mahalapye ba kgone go mo itlhobogela pele ga a bolokwa kwa Serowe kgwedi eno ele lesome le bosupa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Jan 2015






