Breaking News

Temo ke kgetsi ya tsie

13 Jan 2015

Molemi wa masimo a Letsopeng gaufi le motse wa Machaneng kwa kgaolong ya Tswapong, Rre Letsweletse Bontshitswe a re temo ke tiro e tona e e tlhokang go tshwaraganelwa.

Rre Bontshitswe o buile se mo potsolotsong jaaka a ne a kgala borre ba ba santseng ba ipona tsapa mo go beeng masimo botsetse. A re bontsi ja borre ba rwesa bomme mokgweleo wa go tlhokomela masimo ba le nosi le ntswa fa gongwe ba sa patikwa ke sepe.

O boletse gore ene mo nakong ya gompieno o eme ka dinao go bona gore sengwe le sengwe se se tlhokegang mo tshimong ya bone o a se dira go thusa mosadi wa gagwe. O supile fa mo nakong ya gompieno e le ene yo o tlhagolang ka mosadi wa gagwe a tshwerwe ke mabaka a mangwe.

Rre Bontshitswe a re ke maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe go fa masimo tlhokomelo ya maemo a ntlha ka puso e ba lemela mahala. Go sale foo, Rre Bontshitswe a re le ntswa pula e le boutsana mme fela o solofetse thobo e e botoka.

O supile fa a tswa kgakala a dirisa motlhale wa temo ya bogologolo mme mo ngwageng ono wa temo a dirisitse o mosha wa go lema ka ditselana. A re motlhale o mosha o a o dirisitseng ke one o mo fang tsholofelo ya thobo e e botoka ka a ne a ntse a sa boelwe mo go kgotsofatsang mo temong ya go gasa.

O tsweletse ka go kaya gore go lema ka ditselana gape go mo tlhofofaletsa tiro ya go tlhagola fa a tshwantshanya le go tlhagola ga temo ya pele ya peo e e gasitsweng.

Rre Bontshitswe a re o sale a lemile ka pula ya ntlha e e neleng ka kgwedi ya Sedimonthole ngogola. A re o lemile ditema tse tlhano tsa mabele, mmidi le dinawa.

O boletse gore mo nakong ya gompieno matshosetsi a diji a a setseng a a itemogetse ke a leruo le le sailang gaufi le masimo.

Rre Bontshitswe o rotloeditse Batswana gore ba seke ba kgojwa marapo ke seemo sa pula mme ba tswelele ba dire tsotlhe tse di tlhokegang kwa masimo fa ba santse ba letetse pula.

A re go tlhoka go lema ga bontsi ja balemi mo sebakeng seno ga go ree gore balemi ba ka itlhokomolosa masimo a bone. O boletse fa go na le ditiro tse dingwe tse motho a ka di dirang a santse a emetse go lema jaaka go agelela masimo.

O ne a kopa barui go disa leruo la bone go itsa tshenyo mo masimo ka dijalo di setse di simolotse go mela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 13 Jan 2015