Kedia o lela ka seemo sa tsela
12 Jan 2015
Banni ba motse wa Kedia mo kaolong potlana ya boteti ba lelela la seemo sa tsela ya Kedia/Mokoboxane se se sa jeseng diwela, e bile ba re e kgoreletsa ditlhabololo tsa motse wa bone.
Banni ba ntshitse selelo se sa bone ko phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke Mopalamente wa bone yo gape eleng Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Slumber bosheng ko motseng oo,bare tsela e e kgoreletsa matshelo a bone a letsatsi letsatsi ka jaana go sena dikoloi tse dirwalang setshaba.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) Rre Judge Kgokong o boletse gore bane ba solofeditswe gore tsela e tla gopiwa kgweedi tse tharo dingwe le dingwe ,mme ga go diragale jalo.
Rre Kgokong a re ba letshwenyego le lengwe le le tona la bone ke motlakase ,segolo jang ko kokelanong le RADS hostel ,atlatsa ka gore ba sale ba solofeditswe generetare go thusa ko kokelanong nako kgolo ke eno.
Rre Kgokong one gape a re ba kopa koloi ya kokelano le ya motse ,motlobo wa dibuka kwa sekoleng ona le ditlamelo,RADS Hostel e baakangwe gore e tle dirisi go rutela bana ba dingwaga tse nne ,le go thusiwa ka koloi ee tsayang badirelapuso goya go amogela kgweedi e fela,ba kopa go hirelwa mokwaledi wa kgotla.
Rre kgokong one gape a re ba lebogela ditlhabololo tse di dirileng mo motseng wa bone tse di akaretsang,lerako la kgotla ,tshimolodiso ya thuto ya bana ba dingwaga tse nne,le ntlo ya LA2 lepodisi
Tona Tsogwane one a ba lekodisa ka tse a tswang ka tsone kwa palamenteng le bone ba mo lekodisa ka ma tshwenyego a motse wa bone, le go ba amogela mo kgaolong e ncha.
O ne a ba tlhalosetsa gore maikaelelo a ga Tautona ke go fokotsa le tlhoko la ditiro bogolo jang mo bananeng ,le bone banana ba rotloediwa go iteka fa ba filwe mananeo .
Tona o tlhalositse fa a kopanye pele le tlhogo tsa maphata fa simolola diphuthego tsa gagwe tsa kgaolo go ba lekola le go tsaya pego ka ditlhabolo tse dirilweng le tse di saletseng ko morago,a re o ba gakolotse go bereka ka nata le boineelo ,a tla a re therisano le tirisano mmogo e botlhoko fagare ga bone le setshaba .
Kgosi wa motse wa Kedia Rre Simane Akanyang, o supile fa ba tshwengwa ke kgang wa polase ya bone ya HIMA e sentseng ele dingwaga bantse ba e emetse go re e wediwe ,mme e gana go wela,atlatsa ka gore mo bogompienong batho ba setse ba senya kwa go yone.
Kgosi Akanyang obile supa letshwenyego la batho ba ba tswang ko motseng esele ,le kontle ga lefatshe leno tota ,batla go tshwara ditlhapi mo motseng wa bone a sa rerisiwa ,tiro e a reng e kabo e dirwa ke ban aba motse wa Kedia Phelelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Jan 2015






