Barui kwa Omaweneno ba lela sa khuranyo ya meno
12 Jan 2015
Banni ba motse wa Omaweneno ba lela selelo sa khuranyo ya meno morago ga gore ba latlhegelwe ke leruo le ba neng ba le filwe ka fa tlase ga maneneo a puso a a farologanyeng le swe, mabaka le leuba le malwetsi a mangwe a leruo a a farologanyeng.
Mme Sekakanyeng Serepelele yo a ne a thusiwa ka ba LIMID ka dipodi di le masome a mabedi, tse dinamagadi di le lesome le borobabongwe le e tonanyana e le nngwefela.
O tlhalositse fa botshelong jo a neng a bo tshela bo mo gwetlhile gore a e go kopa dithuso kwa go ba LIMID ka ngwaga wa 2010 gape a thusiwa ke ba boipelego, ka go fiwa dijo kgwedi le kgwedi ka e le motlhoki le bana ba gagwe botlhe ba sa bereke mme se se dira gore dijo tse a di fiwang di sa ba tshwara go fitlhela kgwedi e fela ka di se di ntsi.
O supile fa a ne a batla dipodi ka gore o godile a disa gape go rua dipodi go se bokete thata.
Lebaka le lengwe e ne e le gore o ne batla gore di mo ntshe mo lehumeng le a neng a nna mo go lone, ka ngwaga wa 2011 kopo ya gagwe e ne ya atlega.
O tlhalositse fa a ne a nna le boitumelo jo bogolo fela thata fa a sena go amogela dipodi tsa gagwe.
O ne a tswelela a tlhalosa fa a ne a kopa bana ba gagwe gore ba mo agele lesaka go bapa le kwa a neng a kopile go di nosa teng. Serepelele a re leruo la gagwe le ne le gola sentle mme mathata a ne a simolola ka ngwaga wa 2012 fa le simolola go swa, sebe sa phiri ke gore o ne a sa itse gore di bolawa ke eng ka di ne di sena dikai tsa malwetsi.
A re se, se ne sa seka sa mo kgoba marapo ka o ne a tswelela ka go di kopela dithuso kwa go ba ba maleba.
“Fa ke neng ke re leruo la me le oketsega teng ka ngwaga wa 2013, ke ne ka bona mo go neng fetang ga 2012 ka jalo leruo la me le ne la swa ka dipalo tse di kwa godimo mme ka sala fela ka dipodi tse tlhano”, a tlhalosa.
O ne a re se, se ne sa mo utlwisa botlhoko fela thata ka gore ka nako e a neng a re botshelo jwa gagwe bo a fetoga ke fa bo boela kwa bo neng bo le teng pele.
Mme Sinah Kapeko le ene fela jaaka Mme Serepelele o ne a welwa ke seru se se tshwanang le sa gagwe.
A re e ne o ne a thusiwa ke ba nyeletso lehuma ka ngwaga wa 2013 ka dipodi di le lesome, tse dinamagadi di le borobabongwe fa e tona e le nngwe.
O supile fa a ne a ya go ikuela kwa go ba boipelego ka e le mogodi gore ba mo thuse ka a ka seke a kgone go iperekela.
O ne a tswelela a re ba boipelego ba ne ba utlwa selelo sa gagwe mme ba mo rotloetsa gore a kope dithuso mo go ba nyeletso lehuma mme o ne a dira fela jalo ka lesego a atlega.
O tswelela a re o ne a batla leruo la dipodi ga di berekise thata jaaka leruo le lengwe.
Le ene fela jaaka Serepelele, leruo la gagwe le ne la phirisa ditiro tsa gagwe tsa go nna morui gape o ne a solofetse le gore botshelo jwa gagwe bo tla fetoga. O supile fa dipodi tsa gagwe di nnile dikgwedi di le mmalwa fela mme di bo di swa a bo a sala ka tse tharo fela ka ntlha ya leuba.
Mme Kapeko a re o ne a futsafala thata ka dipodi tsa gagwe di ne tsa swa pele ga a ka nna le tsone nakonyana ka gore le ene o ne a batla go utlwa botshelo jwa go nna morui. Ntlha e nngwe ene e le gore a tle a kgone le go godisa botshelo jwa gagwe ka o ne a di kopela gore a itshetse le ba lelwapa la gagwe.
Ba ne ba rotloetsa banana gore ba eme ka dinao ba iperekele, ba tle ba kgone go tshela botshela jo bo botoka le go itshetse le ba malwapa a bone.
Ba ba kgothatsa gore ba seka ba nna fela ba bo ba re puso e teng e tla ba thusa.
Ba supile fa ba ne ba filwe mme ka go tlhoka lesego leruo la bone le ne la swa ka ntlha ya leuba. Ba ne ba tswelela ba re ba tla tshwara ka thata gore leruo le le setseng e ne lone le ba ikemolang mo lehumeng ka lone.
Ba ne ba re Batswana ba seka ba ikaega fela ka go rua mme ba dire le ditiro tse dingwe tse di ka ba thusang fa di nako tsa leuba le tsena. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepiso Tsietso
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya morafe
Date : 12 Jan 2015






