Kgosi Tholego o bolokilwe
12 Jan 2015
Makgolokgolo a batho ba ne ba tshologetse mo motseng wa Serowe ka mafelo a beke go tla go laela labofelo mothusa motshwarelela bogosi jwa ga mmangwato wa pele kgosi Tholego Seretse.
E rile ba bua ka botshelo jwa gagwe dibui tsotlhe tsa tlhalosa fa kgosi Seretse a ne a le senatla, thaga a tletse bobelotlhomogi le lerato e le morotloetsi le mogakolodi e bile a rata go bona Motswana ka ene a tsweletse pele mo botshelong.
Ba re o ne a lebega a le bogale mme tota e le jo bo agang motho mo tshiamong le kagiso, a rata go bona motho a tshwere ka thata a itirela tsa botshelo go tsoga a itshetsa. Bontsi jwa masika le ditsala tse ba dirileng nae thata bangwe e bile a ba godisitse ba tlhalositse fa kgosi Tholego Seretse ka a ne a le rakonteraka e e neng e bidiwa BOSWE ya kago a nnile pilara mo go fetoleng botshelo jwa Batswana ka go thama lekgotla la dikonteraka.
Lekgotla leo le ne le bidiwa Tshipidi Badiri le ne le rotloetsa Batswana go itlhamela dikonteraka, e bile a kopa puso go thusa boradikonteraka bao ba ba botana.ba re e ne e le moithaopi a direla batho ka botswapelo le ka bonata.
Ba re one a dira ditlhabololo ka konteraka ya gagwe jaaka dikokelwana, dikolo le matlo a masole le ditiro tsa sechaba mme morago a bilediwa kwa bogosing jwa gammangwato kwa a bileng a ya ntlong ya dikgosi.
E rile ngwana wa gagwe rre Dirai Seretse a bua ka rraagwe a re o ne a ruta go nna le kitso le boikarabelo mo botshelong, e bile a rata go abela batho, a ba ruta gore ba dire madi mme a seke a ba laola, a ba ruta fa ditsala tse dintsi di senya nako ya go dira tsa botshelo ka a ne a tlotla nako thata.
Motshwarelela bogosi jwa ga mmangwato kgosi Sediegeng Kgamane o tlhalositse fa kgosi Seretse e ne e le motho yo gape a reetsang a le lebole a le tlotlo e bile a dira ditiro ka go ithaopa, ka a dirile le ene ka boinneelo a mo utlwa.
Kgosi Kgamane a re o ne a na le megopolo ka e rile a le kwa ntlong ya dikgosi, a kopa gore dikgosi tse tharo tse di neng tsa ya go kopela lefatshe leno tshireletso kwa moseja di direlwe sehikantswe, mme gape a kopa gore go tsosolosiwe mephato se mo gammangwato se neng sa atlega ka go tlhomilwe mephato e mene.
E re ntswa a tlhalositse a berekile dingwaga tse tlhano fela mo go tsa bogosi, a re le a sena go tlogela tiro o ne a ntse a tsweletse ka go direla sechaba jaaka go ne ga dirwa sehikantswe sa ga tautona wa ntlha wa lefatshe leno mo Serowe, mme sa dirwa a tsentse letsogo.
Mothusa tautona wa lefatshe leno rre Mokgweetsi Masisi, tautona wa pele rre Festus Mogae mothusa tautona wa pele Dr Ponatshego Kedikilwe, matona a puso, mapalamente dikgosi le bogolwane le bone ba ne ba le teng go laela kgosi Seretse la bofelo. Moswi o tlogela mohumagadi le bana ba le barataro le banabana, le bo monnawe ba le bararo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesego Kelediyakgotla
Location : SEROWE
Event : Phitlho
Date : 12 Jan 2015






