Breaking News

Mosadi ke thari ya setshaba

12 Jan 2015

Mothusa Kgosi Kgolo ya Batlokwa Rre Michael Gaborone o gakolotse bomme go nna sekao ka nako tsotlhe jaaka e le bone thari ya sechaba.

Kgosi Gaborone o boletse seo mo potsolotsong le lekalana la BOPA ka Labotlhano (09/01/2015), a supa matshwenyego a bomme bangwe ba ba sa itsholeng sentle bogolo jang ka bontsi jwa bone ba bonwa kwa marekisetsong a bojalwa e bile bangwe ba a nwa go feta borre tota.

O tlhalositse fa seemo sa gonna jalo se sa siama bogolo jang ka bana ba ba tswang kwa tlase ba tsaya malebela mo go bomme, a re go botlhokwa go ikgapha le go babalela botsogo le mmele wa motho.

Kgosi Gaborone a re bomme kana basetsana ba nwa mo go feteletseng ga mmogo le go tsamaya ba sa apara sentle mo go felelang go ba bakela mathata ka go le gantsi ba bangwe ba feletsa ba thubeditswe gone kwa maitisong a bojalwa.

O bolete fa selekanyo se malatsi ano bomme ba nwang ka sone se tshwenya ebile ele mokgwa oo maswe oo tlhabisang ditlhong ga mmogo le kapari e e seng yone ya segompieno.

O tlhalositse fa botsogo jwa motho bo tla pele mme ebile mmele wa motho wa mosadi o le motlhofo mo bojalwa jo bo nowang phetelela bo ka felela bo koafatsa kana bo onatsa mmele ka bofefo, a re go botlhokwa go babalela mmele go tshela lobaka lo leleele motho a sena bokowa jwa ditlamorago tsa nnotagi.

O tsweletse a tlhalosa fa letlhoko la ditiro le le kwa godimo fela thata bogolo jang mo bananeng mme bontsi jwa banana ga ba gakololwa ba sa reetse mme seo se tshwenya, a re go botlhokwa go tlhatlhelela le go ruta banana go nna le kitso ya go tlhopha dithuto tse kamoso ba ka kgonang go bereka le go bona tiro motlhofo fa ba fetsa kwa dikoleng di akaretsa Mmadikole.

Kgosi Gaborone o boletse fa dikgang tsa marato di tshwenya tse mokapelo wa rre a kgokgontshang wa mme ka go moitaya, a re dikgang tseo ba a di atlhola ka go letsa moretlwa mogo yo o dirileng molato mme seo se ntsha maduo.

O tlhalositse fa go otlhaya ka moretlwa go tsenya motho mo tseleng mme a kgone go ikgapha go ka boelela molato wa go nna jalo gape, a re go letsa moretlwa ke tsela e e siamemg ya Setswana mme e dira gore motho a kgone a agege abo a itshole sentle.

Mo dikganyeng tse dingwe Kgosi Gaborone o boletse fa dikereke tsotlhe tse di neng di iphile tetla ya go tsenela kwa masimomg di ntshitswe morago ga gore banni ba ikuele mabapi le dikereke tseo tse gape di neng di leswafatsa tikologo ya masimo ao, a re dikereke tseo di ne tsa kgalemelwa go tsenela kwa masimo a Mabutswe, Sefoke le a mangwe ka go dira jalo ba roba molao.

O tsweletse a tlhalosa fa ka malatsi a boitapoloso gone go sena botlhoka tsebe kwa ntleng ga magodu a ileng a thuba bogolo jang mo matlong a go neng go lemosega beng ba one ba seo mme a tsaya dithuto, a re maitsholo a batho a ne a siame le ntswa bothata e ne e le diletso mo bathong bangwe tse dineng di baka modumo o o feteletseng.

Kgosi Gaborone o boletse fa marekisetso a bojalwa a ne a letsa ka nako ka ba Sepodisi ba ne ba beile seemo leitlho a tlatsa ka gore Tlokweng ga se lekeishane ebile modumo o o sa letlelesegeng o se kitla o letlelelwa ka bao ba ba o bakang ka diletso tsa bone ba tla a tseelwa dikgato diletso tsa bone di bo gapiwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 12 Jan 2015