Breaking News

Ipelegeng e siame e senngwa ke batho

12 Jan 2015

Tona wa Ditsha le Matlo Rre Prince Maele o kopile banni ba metse ya Tswapong bokone go se kgotlele lenaneo la Ipelegeng ka ditsamaiso tse di sa letlelesegeng.

Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya Goo-sekgweng, Mokungwane, Goo-tau le Manaledi bosheng Rre Maele o boletse fa Ipelegeng e le lenaneo le puso e neng ya le dira go namola Batswana mo lehumeng mme go na le ditsetlana tse di tshwanetseng di salwe morago.

Ka jalo a re go a swabiswa go bo Tautona wa lefatshe leno Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a setse a ntshitse tlhobaelo ka dipego tse di nnileng teng tsa gore lenaneo la Ipelegeng ga le tsamaisiwe sentle mo pegong ya gagwe ya tekodiso ya setshaba.

Rre Maele a re go nnile le dipego di le dintsinyana tse di amanang le Ipelegeng di akaretsa go sa thapeng ka tsamaiso e e letlelesegang, go gana go thapa mabaka e le a gore yo o batlang go thapiwa o amogela madi a tantabala le go thapa ka lesika kana botsala.

O ne gape a bolela fa bangwe ba baeteledipele ba lenaneo la Ipelegeng ba gana go thapa banana mme go sa tshwanela gore go nne jalo.

Rre Maele o tlhalositse fa lenaneo la Ipelegeng e le lenaneo le le sa kgethololeng mme le direletswe Motswana mongwe le mongwe. A re fa motho a na le bokgoni go dira mo lenaneong la Ipelegeng go a letlelesega gore a thapiwe.

A re dipego tse dingwe tse di sa jeseng monate ke tsa gore ba komiti ya ditlhabololo tsa metse mengwe ba e leng bone ba eteletseng pele ba ba dirang mo Ipelegeng ga ba dire mo go kgotsofatsang go laola ba ba dirang.

A re bangwe ba felela ba ikhutsa ka fa tlase ga ditlhare ba sa dire tiro e ba tshwanetseng go e dira mme ditiro tsa ditlhabololo di felele di salela kwa morago.

Rre Maele o ne a ikuela mo banning bogolo jang dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ka e le bone ba ba tsamaisang lenaneo la Ipelegeng go emisa tse di sa letlelelweng go diragala mo Ipelegeng go fema kgotlelesego ya lone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Diphuthego tsa kgotla

Date : 12 Jan 2015