Breaking News

Emisang dikgotlhang

12 Jan 2015

Banni ba metse ya Tswapong bokone ba kopilwe go tswa mo dikgannyeng tse di neng di ba farologanya pele ga ditlhopho mme ba tshwareganele ditlhabololo tsa metse ya bone.

Fa a bua kwa diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa metseng ya Goo-sekgweng, Manaledi le Goo-tau bosheng, tona wa Ditsha le Matlo Rre Prince Maele o boletse fa go santse go na le bangwe ba ba kakatletseng dikgang tse di neng di buiwa ka nako ya ipapatso ya ditlhopho tsa ngwaga o o fetileng.

Ka jalo a re go na le tiragalo nngwe e e swabisang nko go feta molomo e komiti nngwe ya ditlhabololo tsa motse mongwe e neng ya seka ya letlelela mokhanselara wa kgaolwana ya Goo-tau Rre Toteng Tshipo go tshwara phuthego e a neng a batla go e tshwara ba bolela fa ba sa itse e le mokhanselara wa bone.

A re Rre Tshipo ke mokhanselara wa Goo-tau mme o okametse metse e mengwe e akaretsa Goo-sekgweng, Goo-tau, Manaledi, Matlhakola le Mokungwane ka jalo o na le tshwanelo ya go tshwara diphuthego mo metseng eo fa a batla go dira jalo.

Rre Maele o boletse fa mokhanselara yoo a letlelelwa ka fa molaong go buisanya le banni ba metse e a e okametseng ka jalo go sa tshwanela gore tiragalo e e diragetseng eo e bo e diragetse.

O ne a kopa banni go emisa ditiragalo tsa mofuta oo ka di tla a busetsa ditlhabololo tsa metse ya bone kwa morago.

Mo go tse dingwe Rre Maele o ne a itsise banni ba metse ya Tswapong bokone fa palamente e tsere tshwetso ya gore go emisiwe kgang ya go busa bana ba dikole kwa malwapeng a bone ntateng ya gore ga ba a duela madi a sekole kana ba latlhile dibuka tsa sekole.

A re ba ne ba itemogela fa kgang eo ya go busetsa ngwana kwa lwapeng e le go mo rwesa mokgweleo o e seng wa gagwe ka jalo go tla a itebaganngwa le motsadi wa ngwana yo o kolotang sekole.

Le fa go ntse jalo, banni ba metse ya Mokungwane le Manaledi ba ne ba kopa puso go gokelela motlakase mo metseng ya bone.

Ba boletse fa go sena botshelo gotlhelele mo metseng ya bone ka ba sena motlakase. Ba re go thata go bula dikgwebo mo metseng ya bone ka go sena motlakase. Ba boletse fa go le thata gape go ngokela boradikgwebo mo metseng ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Diphuthego tsa kgotla

Date : 12 Jan 2015