Banni ga ba supe kgatlhego mo thuto ga e golelwe
12 Jan 2015
“Borre, banana ba ba tlogetseng dikole le ba ba sa dirang sentle mo motsing wa Draaihoek ga ba tsibogele thuto ga e golelwe ka go bonala fa ba akanya fa e itebagantse le batsadi ba bone fela,“ ga bua jalo morutabana mo kgotlaneng ya Herero Mme Monica Dikodi fa a ne a le mo potsolotsong le BOPA bosheng.
O boletse fa a sale a simolotse tiro ya go ruta bagolo ka ngwaga wa 1998 mme mo lobakeng lo a ise a bone rre ope a tswelela le dithuto tsa gagwe sentle le fa e le ikwadiso ya banana ba dingwaga tse di masome mararo le botlhano.
A re mo ngwageng o o fitileng go ikwadisitse monana a le mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bone yo a tsweletseng mme ebile a dira tiro ya gagwe ka botswerere le bonatla.
O ne a tswelela ka gore le fa go ntse jalo thuto e e isa mankalengkaleng ka e tlhabolotswe ebile e na le ditlankana fela jaaka dikolo tsotlhe.
O ne gape a re le ntswa bagolo ba ikopetse ruri go dira tiro tsa bone tsa malwapa ba leka ka bojotlhe go ba fa tiro go e dira mo bonosing go itsa tiego le pusetso morago mo dithutong.
A tlhalosa fa thuto e o e fetotswe mo go nneng ya bagolo fela e e neng e bidiwa Adult Basic Education Programme(ABEP).A re jaanong e inaakantse le banana thata gape e golaganye le dikolo go simolala fela ka se se botlana ka tlhabololo ya dibuka le thuto(subjects) ka leina la Out Of School Education Training(OSET).
O ne a tlhalosa fa go na le ditiro tsa diatla jaaka go loga,go apaya borotho le go roka e le tse di ka tlhoufatsang kgolagano ya moithuti le mananeo a a ntshiwang ke puso.
O kopile banana le borre ba motse oo go tsaya kgato le santse le ba tlhabetse.
A ba gakola fa go bala le go kwala go seka ke ga kwatobolwa ka jalo ba iketeye ka thupana ba ye go ikwadisa ba tsoge ba tshwere ditlankana tsa bone ka matsogo.
Mongwe wa baithuti mo kgotlaneng e o mme Margret Vlermuis o boletse fa kgwetlho ya go tlhoka go itse go bala le go kwala e mo ntshitse ka kgoro ya lelwapa go inaakanya le Thuto ga e golelwe.
O boletse fa a tlogetse sekole ka ngwaga wa 1980 kwa kisa a dira lokwalo la boboedi ka jalo a lebala go kwala
A tlhalosa fa a emisitse go dira sefapaano mo boemong jwa go kwala leina la gagwe jaanong a tlhaloganya tiriso ya mafoko mangwe a sekgoa fale le fale. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keiketlile Kelefhile
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 12 Jan 2015






