Mosolotshane o nyorilwe
11 Jan 2015
Banni ba motse wa Mosolotshane mo kgolong ya Shoshong ba lela ka selelo sa letlhoko la metsi le le aparetseng motse wa bone.
Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamete wa bone yo e bile e leng mothusa tona wa tsa Merero ya Ofisi ya ga Tautona le bodirela puso Rre Philip Makgalemele, kgosi ya motse oo Kgosi Tsietsego Molefhi o supile fa motse wa gagwe o apesitswe ke lenyora.
Kgosi Molefhi a re batho ba motse wa gagwe bam o lenyoreng le le tlhomolang pelo, mo e leng gore ka nako tsa dipula jaana ba nwa metsi a a leswe a matamo ga go sena se b aka se itirang.
O ne a tlhalosa gore e re ntswa go na le sediba se se ba nosang mo motseng wa gagwe, o ipotsa gore a bothata bo katswa bo tswa mo babereking b aba se pompang kgotsa jang ka nako tse dingwe ba re ga go na disele ka na jang.
A re gape e re le tswa bangwe ba dueletse go gokoelwa dipompo mo malwapeng, kompone e e ba sielang metsi ga e potlake go gokelela banni dipompo, a supa fa bangwe ban ale ngwaga tse tharo ba ntse ba duetse go gokelelwa mme go se na nko e e tswang lamina.
Mo go tse tse dingwe Kgosi Molefhi o ne a tlhalosetsa mothusa tona gore motse wa gagwe o paretswe ke letlhoko la dipalamo bogolo jang thata le yone kgotla e sena koloi.
Fa a tlatsa mo go tsa dipalamo, o ne a tlhalosa fa ba sale ba kopile gore tsela e e ba tshwaraganyang le Moralane a baakanngwe mme le motlha ono.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Molefhi o ne a tlhalosa fa kwelo tlase ya itsholelo gongwe e le yone e dirileng gore gongwe dikeletso tsa bone e bo di diegile go ka arabiwa.
Kgosi Molefhi o ne gape a lela ka tlhaelo ya mapodisi mo motseng wa gagwe, selo se a reng se baka gore borukutlhi boye magoletsa.
A re mapodisi a motse wa gagwe a palo potlana mme a fekeediwa ke seemo se se ileng kwa godimo sa borukutlhi a kopa mopalamente gore a b aka se okeletswe ka mapodisi a nakwana-Special Constables.
Mo go tse dingwe Kgosi Molefhi o ne a kopa mopalamente gore a kope ba lephata la thekiso go etela motse wa gagwe, a supa gore go nale dikgwebo tse dintsi tsa bojalwa mme ba tlhokana le go tla go tlhalosetswa that aka dinako tsa thekiso.
Fa a bua ka temo , Kgosi Molefhi o ne a tlhalosa fa mono ngwaga temo mo motseng wa gagwe o ile ko tlase ka go sena digogi gape balemi ba le boitseme go dirisa melwana e mesha ya temo jaaka go lema ka mela.
A rebalemi ba motse wa gagwe bontsi ba bone bat la go gasa mme ka jalo ga ba a lema.
Fa bua ka tsa ditlhabololo tsa motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motseMme Nkitso Keikwale o ne a bolela fa motse wa Mosolotshane o ne wa ikgapela sekgele sa ntlha go di ga isa tshotlhe mo metseng e e phepa.
Mme Keikwale o ne a tlhalosa fa se ba se kgonne ka go bopagana le boithaopo ga banni go bona gore motse wa bone o nna phepa. Fa a bua ka tsa kwa sekoleng se se botlana, Mme Keikwale o ne a tlhalosa fa sekole sa bone se se botlana se dirile go tlala ka diatla ka ban aba dikile ba pasitse fela thata. Le fa go ntse jalo modulasetilo o ne a kopa mopalamente gore ba kopa gore kokelwana ya bone e dirilwe phaposi ya pelegi ka bomme b aba itsholofetseng ba nna ba ntsi mo motseng wa bone.
O ne a kopa gape gore ba okelediwe matlwana a borutelo kwa sekoleng a supa fa bana le bone ba le bantsi kwa sekoleng.
Fa a ba kwa dikgaba, Rre Makgalemele o ne a akgola ba motse wa Mosolotshane go bob a ne ba ikgapela sekgele le maduo a bana kwa sekoleng.
Rre Makgalemele a re se se supa one mowa wa popagano le tirisano mmogo, a tlatsa ka gore maduo a bana a supa fa botsadi le bone bo eme ka dinao go bone gore ba nna le seabe mo dithutong tsa ban aba bone.
Rre Makgalemele o ne a tlhalosetsa banni ka melawana e e builweng kopalamenteng, e akaretsa gore fa ngwana a kolota sekolo a seka a tlhoka go fiwa setlankana go ka tshweledisa dithuto tsa gagwe a supa fa thuto e le khumo.
O ne a ba tlhalosetsa gape le ka gore maungo, merogo le dijo dingwe go sa tlhole go tsenngwa VAT mo go tsone ka di lebotlhokwa fela thata mo botsogong jwa motho. O ne a ba gakolola gape gore go botlhokwa go lema ka ditsela ka go bo go lemogilwe fa maduo a teng a le mantle e bile a ntsha dijo tse di ntsi.
Mo tse dingwe Rre Makgalemele o ne a ba tlhagisa ka gore palamente e kopa megopolo ya gore go ka laolwa jang seemo se dikereke di runyang ka teng mo lefatsheng leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SHOSHONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 Jan 2015






