Magapatona United e supa mowa wa kutlwano
11 Jan 2015
Ba setlhopha sa kgwele ya dinao sa Magapatona United kwa Tutume, ba ngathogane lemme le Mme Baleseng Baliki, le ba le fentseng morago ga go bona phenyo mo dikgaisanyo tsa kgwele ya dinao.
Dikgaisanyo tseo di neng di tshwerwe ka malatsi a botsalo jwa morena le ngwaga o mosha mme ba ne ba ipelela mofufutso wa phatla ya bone ka go abela Mme Baliki dijo.
Mo potsolotsong le BOPA, moanamisa mafoko a setlhopha seo Rre Joseph Nlanda a re ba ile ba rekela Mme Baliki dijo tsa madi a kana ka sekete sa dipula.
Seno ba se dirile morago ga go itsheka-tsheka e le setlhopha gammogo le morotloetsi wa setlhopha seo Rre Edmond Mojanaga. Ba ne ba bona go tshwanela go abela mongwe yo o seng lesego mo botshelong. Rre Nlanda o ile a re ba ne ba dira seo ka lorato le kutlwelo botlhoko ba lebile ka fa mme yoo a tshelang ka teng.
A re gape e ne le mokgwa mongwe wa go lemotsha batho ba motse gore setlhopha sa bone ga se a baya mo go ntsheng batho bodutu fela mme se tshwenyega ka matshelo a batho bangwe.
Rre Edmond Moabi yoo o neng a le teng fa go abiwa dimpho tseo, o ne a galaletsa tiro e ntle e dirilweng ke setlhopha seo.
A re go a lebosega go bo banana ba amogetse moono wa ga Tautona wa go gopola ba ba kobo dikhutshwane ka go thusa ka fa ba ka kgonang ka teng.
O ile a ba kopa go nna ba ba akaretsa le bone ele banni ba motse gore le bone ba nne le seabe mo tirong e tshwana leo ka go ntsha sengwe le bone.
Rre Moabi a re banana bao ba na le tebelopele ka jalo motse wa Tutume o tla gatela pele mo ditlhabolong ka go itshupa fa o na le bagaka. Fa a amogela dimpho tseo, mo boemong jwa ga mmaagwe, Rre Mbakile Baliki o ne a leboga tiro e ntle e e dirilweng ke setlhopha seo a ba a kopa go tswelela ka mowa o le mongwe go thusa setshabaBokhutlo/Rewritten/Ketumile. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 11 Jan 2015






