Breaking News

Lethoko la metsi le befile kwa Shoshong

11 Jan 2015

Letlhoko la metsi kwa motseng wa Shoshong le go bolelwang fa le simolotse ka malatsi a boitapoloso le jesetsa banni ba motse oo mo kgobedung ka jaana go fitlha le jaana metsi a santse a seyo motseng.

Fa a buisa morafe wa Shoshong mo phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa Kgotla kgolo ya Shoshong ka Labotlhano (9/01/2014) wa Hirikgong a tlhola malatsi a robabongwe, mookamedi-mogolo wa koporase ya Water Utilities mo kgaolong ya Palaye/Mahalapye Mme Dephne Motsumi o tlhaoloseditse morafe o o neng o tshologetse koo fa bothata jwa tlhaelo ya metsi bo bakilwe ke go thubega ga phaephe e tona e e nosang motse wa Shoshong le e e mabapi jaaka Kalamare, Mmutlane le Bonwapitse.

O tlhalositse fa phaephe e, e sale e thubegile ka kgwedi ya Sedimonthole e le 29, mme fa e sale ka nako eo badiri ba lephata la gagwe ba ntse ba lwantshana le go e baakanya. A re mo go e baakanyeng ba ne itemogela dikgwetho tse di bakileng gore le mo nakong ya gompieno go bo go ntse go sena metsi mo motseng.

A re nngwe ya dikgwetlho tseo ke gore ba lephata la metsi la Water Affairs, ba e neng e le bone ba rweleng maikarebelo a go siela setshaba metsi pele ga Water Utilities, ba dirile mealo ya diphaephe tse di tsamaisang metsi e e seng bonolo go baakanngwa, ka jalo he, koporase ya gagwe e tshwaragane le namane e tona ya tiro ya leka go tokafatsa seemo sa mealo eo.

A re ka fa mealo eo e neng e dirilwe ka teng, go ka tsaya sebaka sa dikgwedi gore e baakanngwe fa diphaephe di senyegile, mme ene le ba koporase ya gagwe ba bone go le bonolo gore ba dire mealo e e ka baakayegang ka bofefo.

Le fa gontse jalo o amogeletse boitshoko le bopelotelele jo banni ba Shoshong ba nnileng le bone mo seemong se. O ne a ba tshephisa fa lephata la gagwe le tshwaragane le puso go bona gore seemo sa letlhoko la metsi se ka lwantshiwang jang go fema seemo sa go nna jaana mo nakong e e tlang.

A re nngwe ya tse batla di dirang fa madi a letla ke go gokela diphaephe tsa metsi mo di dibeng tse di bonweng kwa motseng wa Ikongwe, go tsisa metsi mo Shoshong. O ne a solofetsa banni ba Shoshong fa ba solofetse gore metsi a abo a le teng mo sebakeng sa oura tse some, mme fa go sanne jalo o tla boela kwa go bone go ba lekodisa ka seemo.

Mokhanselara wa Shoshong-borwa, Rre Gabaresepe Mohutsiwa o file bopaki ka se se neng se buiwa ke Mma Motsumi. O ne a tlhalosa gore e rile a bona seemo sa letlhoko la se befela pele a bo a rwala ditlhako go ya go bona gore tota go bothata ke eng.

A re o fitlhetse badiri ba koporase ya Water Utilities ba thinkgetse go supafala fa ba tshwaragana le namane e tona ya tiro, mme e bile le mo nakong ya gompieno o ba lekola gangwe le gape go tlhola fa go na le tema.

Batseneledi ba phuthego ga ba aka ba ipona tsapa go ntsha megopolo le dikakgelo. Mogolo wa motse Rre Polediso Abone, o ne a tswa ka mogopolo wa gore go nale gore go ye go tsewa metsi kwa metseng e e kwa ntle, go dirisiwe didiba tse mo Shoshong, tse e bileng gape banni ba tsone e le batho ba Shoshong.

Rre Abonne o ne tlhalosa fa metsi a kwa motseng wa Ikongwe a le letswai le le ntsi mme a didiba tse di mo Shoshong a nwega mme e bile a lekane go siela motse otlhe. Batseneledi phuthego e ba ne ba tswelela ka go ntsha dingongorego tsa bone, ba ne ba tlhalosa fa koporase ya metsi e ba lopa madi a mantsi, a ba sa tlhaloganyenng gore a tswa kae, mme e bile le badiri ba Water Utilities ba palelwa ke go ba tlhalosetsa gore go tsile jang gore ba lopiwe madi a a kalo.

Rre Samuel Mphaakgosi, yo le ene a neng a atseneletse phuhego e, o gakolotse ba koporase ya Water Utilities go itshekatsheka ka jaana go lebega ba palelwa ke tiro. A re fa e sale ba tsaya maikarabelo a go siela Batswana metsi, lefatshe lotlhe le lela selelo se le sengwe sa go tlhoka metsi. Rre Mphaakgosi a re mo Shoshong fela o itemogetse fa koporase e, e dirisa didirisiwa tsa boleng jo kwa tlase, ka jaana di thubega gangwe le gape, mme e bile gape badiri ba bone bas a itse tiro ka botalo.

Mo nakong e ya letlhoko la metsi, banni ba Shoshong ba ne ba gelela metsi a pula mo dikhuting, melapo le didiba, fa ba ba nang le dikoloi bone gelela mo metsing e e mabapi jaaka Ikongwe, Kodibeleng le Mahalapye.

‘ Re setse re I tlhobogile mo e leng gore re gelela metsi a a leswe mo melapong le mo dikhuting. Ga go na se re ka se dirang ka gore re bolawa ke lenyora,’ ga bua jalo Rre Mmoloke Phagenyane, yo e leng monni wa Shoshsong. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Boitshepo Setogile

Location : SHOSHONG

Event : Phuthego ya morafe le ba koporasi ya Water Utilities

Date : 11 Jan 2015