Breaking News

Phane e boutsana monongwaga

12 Jan 2015

Mmapadi wa phane, Mme Kaone Molatlhegi wa dingwaga tse di masome a matlhano le bosupa yo o tlholegang kwa kgaolong ya Mmadinare a re ngwaga ono phane e nnile boutsana ka gore pula ga e a na jaaka go tlwaelesegile.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, a re gore phane e nne teng go tshwanetse gore go ne pula e ntsi, e e ka kgonang go dira gore serurubele sa phane se nne teng.

A serurubele seo ke sone se se tsalang phane, se e dira gore e nne ntsi mme a re go bapala phane ke nngwe ya ditsela tse a itshetsang ka tsone.

Mme Molatlhegi a re mme ngwaga ono go lebega a tlaa sokola ka lebaka la gore selekanyo sa phane se a se boneng se sennye thata mo a sa dumeleng fa a tla kgona go rekisa sepe fela. “Phane e ke e bapetseng ka kgwedi ya Sedimonthole ga se e motho a ka e rekisang ka gore e nnye thata, ka jalo ke ya go e ja le ba lelwapa lame,” ga bua Mme Molatlhegi. A re go le gantsi o bapala phane mo kgaolong ya Serule ka e le gaufi le kwa ga bone kwa Mmadinare.

Mme Kelebogile Mothibedi, wa dingwaga tse di masome a mane le bone, yo e leng moagedi wa Tonota mme a tswa kwa Tutume, a re ngwaga ono phane e ne e se ntsi.

A re o itemogetse gore batho ngwaga ono ba ne ba bapala phane pele ga serurubele ka jalo ba e itsa go gola.

Le fa go ntse jalo, Mme Mothibedi o kgonne go bona lemmenyana le a le rekisang, mme a tlatsa ka gore ditlhwatlhwa di ile kwa godimo ka kopi ya tee e tletse ke dipula di le lesome, fa e kgolwane e e nwang metsi e le di le lesome le botlhano.

Mme Mothibedi a re ba ba tshwanang le ene ba ba itshetsang ka go rekisa phane ga ba a tshwanela go kgobega marapo, mme ba tlhaloganye gore dingwaga ga di tle ka go tshwana.

A re go na le ditsela tse dingwe tsa go itshetsa di akaretsa go kgetla bojang jo bo rulelang a bo rekisa, le go rwalela dikgong go di rekisa ke tsela nngwe ya go itshetsa kgotsa go bapala maungo a naga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Terry Makgoeng

Location : TONOTA

Event : Potsolotso

Date : 12 Jan 2015