Sefhare o lela ka lenyora
11 Jan 2015
Banni ba motse wa Sefhare kwa kgaolong ya Tswapong ba lela ka letlhoko la metsi.
Banni ba ntshitse selelo se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mokhanselara wa kgaolwana ya botlhophi ya Sefhare Rre Mothusi Sedimo ka Labotlhano (09/01/2015).
Ba re seemo sa letlhoko la metsi se gola tsatsi le letsatsi mo motseng wa bone. Ba ne ba supa gore le ka malatsi a boitapoloso a a sa tswang go feta ba ne ba le mo lenyoreng le letona. Ba tsweletse ka gore le fa seemo se ntse jalo, dituelo tsa metsi di nna di le kwa godimo fela thata.
Ba re gape bontsi ba dipompo tsa setshaba di sale di senyegile di bo di sa baakanngwe. Mongwe wa banni, Rre Osenotse Gorewang, o supile fa go sena tirisano mmogo gareng ga bangwe badiri ba koporase ya metsi le setshaba. Rre Gorewang a re bangwe ba badiri ga ba ba fe dikarabo tse di siameng fa ba bua le bone ka seemo sa metsi.
O ne a tswelela ka go kopa ba koporase ya metsi gore ba nne ba ba tsibosa gore metsi a tlaa kgala gore ba kgone go a gela ruri.
Mogolwane mo ofisi ya koporase ya metsi kwa Sefhare, Rre Simon Sentsho o ne a supa fa seemo sa metsi e le kgwetlho e tona mo kgaolong ya bone.
Rre Sentsho a re mme seemo se, ba leka go se rarabolola ka go siela setshaba metsi ka dikoloi. A re gape mo nakong ya gompieno ba okeditse palo ya didiba go tswa kwa go tse tharo go ya kwa go tse tlhano. Rre Sentsho a re sebe sa phiri ke gore didiba di dirisa motlakase ka jalo fa go nna le kgaogo ya motlakase metsi le one a a kgala.
A re kgwetlho e nngwe gape e ba nang nayo ke ya tlhaelo ya bodiredi le didirisiwa.O ne a kopa banni botlhe ba ba ngongoregang ka dituelo tse di kwa godimo gore ba ikopanye le ene kwa diofising go ya go sekaseka seemo mmogo. Rre Sentsho o ne a kgala badiri ba go bolelwang fa ba sa ikobe mo setshabeng.
A re lephata la bone le rotloetsa botho jo bo eletsegang ka bo bereka go thusa batho ka selo se segolo se e reng se seo ba bo ba sa tshele sentle.
Mokhanselara Sedimo o ne a kopa ba koporase ya metsi go tsibogela dikgang tsotlhe tsa metsi.
A re ba ka kopa dithuso mo banni ba motse fa go na le dikgoreletsi.
Mo go tse dingwe, Rre Sedimo o ne a lekodisa banni ka tsa khansele e e fetileng. A re puso e solofeditse kago ya diofisi tsa khansele mo motseng wa Sefhare, go baakanya ditsela tse di tsenang fa gare ga motse le go epa mosele wa kgopo ya metsi a a leswe.
Rre Sedimo o kaile gore sekolo se segolwane kgotsa senior school sone se tlaa agiwa kwa Machaneng.
A re ditlhabololo tse dingwe tse ba neng ba eleditse gore di dirwe mo kgaolong ya bone di santse di sekegetswe fa tlhoko ka ntlha ya tlhaelo ya madi. O kopile banni go lebogela se motse wa bone le kgaolo di se solofeditsweng mo bogaufing. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : SEFHARE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 Jan 2015






