Banni Ba Mopipi ba lela ka metsi
11 Jan 2015
Banni ba motse wa Mopipi mo kgaolong potlana ya Boteti ba lela ka metsi a ba reng a letswai fela thata mo basa kgoneng go direla bana mashi ,le fa ele go siela balwetse dipilisi ka one.
Banni ba supile se kwa phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke Mopalamente wa bone yo gape eleng Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae Rre Slumber Tsogwane ko motseng o o bosheng, ba tlhalosa fa metsi a a sa siamela botsogo ja bone.Ba ne ba kopa gore ba gogelwe matsi mo Sedibeng sa triple C.
Banni bane ba lebogela manaeo a nyeletso lehuma ,Ipelegeng ,tshimolodiso wa pulo ya kokelano bosigo le motshegare.
Bane ba lekodisa mopalamente wa bone matlhoko abone ba supa fa ba kopa gore ba okeletse sekole se segolwane mo kgaolong ya boteti, ba re se sengwe nngwefela ga a lekana ,ebile se mosuki ,le go agelwe diofisi tsa mapodisi, tlhaelo ya matlo a badirelapusole .one gape a re bangwe ba Badirelapuso ga ba duele matlo a VDC a ba nang mo go one.
Rre Gowenemang Matlhare one a supa ba lephata la diphologolo ka monwana a re ga ba tsigogele dipego tsa bone fa ba jetswe leruo ke diphologolo,go fitlhela bosupi bo timela ,a re phimolo dikeledi le yone e tsaya nako e telele go duelwa.mongwe wa banni mme Amantle Machiliza one a botsa gore diteseletso tsa go tshwara ditlhaphi di fiwa batho ba ba ntseng jang, ka ba bona batho ba tswang konte ele bone ba tshwarang ditlhapi .
Mogolwane wa lephata la diphologolo mo Letlhakane Rre Mmoloki Kepaletswe tlhalositse fa ba lemogile seemo sa gona jalo, mme jaanong ba santse ba tswaletse tshwaro ya ditlhapi go fitlhela kgweedi ya Mopitlo, a re solofela gore batla bo ba rarabolotse seemo.o bile a re go tsibogela pego tsa batho fa ba jetswe ke leruo go laolwa ke bodiredi le dikoloi ,a tlhalosa fa ba sa duele go sena bosupi ,ka jalo a ba kgothatsa go somarela bosupi,a bo a ba gakolola go tlhatlhela leruo mo masakeng.
Tona one tsibogela matshwenyego a bone,a re le bone ele bateledipele seemo sa metsi sea ba tshwentse,a tlatsa ka gore thulaganyo ya go ba gogela metsi go tswa kwa didibeng tsa Setata e mo tseleng,le gore go fetola sekole sa Rakops JSS gona se segolwane gontse golemo lenaneo ,gone go emistswe ,ke letlhoko la madi.
Mo kgannyeng ya boroko ja badirela puso o supile fa Konpone wa matlo e solefeditse go aga matlo a badirela puso kwa Mopipi le Letlhakane.
Tona one, a ba lekodisa ka tse a tswang ka tsone ko palamenteng tse di akaretsang molao wa kwadiso ya dikereke ,wa gore go okediwe palo ya maloko a oka kwadisang kereke ka one go tswa mo go lesome gona lekgolo le masome a matlhano,mme ba supa fa ba dumelana le gore go okediwe dipalo,ka jaana le bone ba supa fa seemo sa go gola ga dikereke le go thubega ga tsone go ba tshwentse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 Jan 2015