Breaking News

Tsogwane a re ba dirise mananeo

11 Jan 2015

Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae yo gape eleng mopalamente wa Boteti Bophirima ,Rre Slumber Tsogwane o gakolotse banni ba metse ya Mokoboxane, Kedia, Mopipi,le Toromoja gore ba dirise mananeo a puso a a teng go iketsha mo lehumeng.

Tona Tsogwane o ntshitse kgakololo e fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla ko metseng eo bosheng tse maikaelelo a tsone eleng go lekola batho ba kgaolo ya gagwe, go balekodisa ka tse di builweng ko palamenteng ee fitileng le go tsaya matshwenyego le megopolo ya bone go ee isa ko palamenteng.

Tona Tsogwane a re maikaelelo a ga tautona ke gore fa kwelotlase ya itsholelo e tokafala o tla leka go inola batho mo lehumeng ,go fokotsa letlhoko la ditiro , segolo jang mo bananeng, Bojanala , le temo thuo.

Tona o bile a ba rotloetsa go tlhokomela leruo gore le seka la jela ba bangwe mo masimong ,a re molao wa leruo le le senyang mo masimong o mo tseleng.O ne gape a kopa banana go iteka ba dirisa mananeo a teng a puso ,a re ba baneng ba sa atlega mo dikopong tse dingwe ba tswelele ba leke mananeo a sele,a tlatsa ka go gakolola gore ba ikgaphe mo borukutlhing.

Tona one gape a rotloetsa banni go lema gore batle ba itshetse ,terekere ditlhaela ,le dipula tsa mono ngwaga dile boutsana .

O ne a ba lekodisa ka tse di builweng ko palamenteng ee fitileng ,jaaka molao kakanyetso kana patlo megopolo mabapi le go gola ga dikereke ,tiriso ya madi ee ko godimo ,o ka o ne tona yo lebaneng ane a kanya gore go okediwe palo ya maloko ,a o ka kwadisang kereke kaone , e e ntseng ele lesome e tswe mo go lesome gona lekgolo lemasome a botlhano.

Tona Tsogwane o ne a balekodisa ka seemo sa EBOLA ,a tlhalosa gore puso e ipapane go thibela go tsena ga bolwetse jo mo lefatsheng leno.o bile a re puso ikaelela go lantsha tshenyetso setshaba,atlatsa ka gore ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe go e lwantsha .

Tona Tsogwane o supi fa lenaneo la ditlhabololo la NDP10l e atolositswe ka ngwaga gore go lekwe go akaretsa tse dineng di saletse ko morago,le gore le wele sentle le tebelopele ya lefatshe leno fa la NDP11 le tla latela morago .

Tona Tsogwane o bile a kgothatsa badirelapuso go dira tiro ya bone ka nata,le boikanyego go diragatsa mananeo a puso , bathusa setshaba ka mowa ya neelano ,a re puisano e botlhokwa ka gore e ka fokotsa tiego le tlhoka kutlwesisano fagare ga bone le setshaba.

Tona one a leboga morafe wa kgaolo ya gagwe go bo ba mo tlhophile mmogo le Tautona,atlatsa ka gore ba mo kgaong e ncha ya boteti Bophirima ,ga e sa tlhole ele Boteti Bokone, a re diofisi tsa Mopalamente di kwa motseng wa Rakops. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : BOPA

Event : Diphuthego tsa kgotla

Date : 11 Jan 2015