Breaking News

Ba kopilwa go nna ka tsholofelo

11 Jan 2015

Banni ba metse ya Mmaphashalala le Dovedale kwa kgaolong ya Mahalapye Botlhaba ba kopilwe go nna ka tsholofelo gore metse ya bone e tlaa bona tsela ya sekontere.

E rile a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo bosheng, mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo mage gape ele mopalamente wa kgaolo eo, Mme Botlogile Tshireletso a tlhalosa fa go le lebaka banni ba ntse ba kopile go tsenyetswa tsela ya sekontiri e e raralang metse ya bone ya Dibete/Machaneng.

Mothusa Tona o tlhalositse fa pele seemo sa itshololelo se ne se sa letle gore tsela eo e ka dirwa mme ka jaana semmo se a tokafala ba seka ba fela dipelo ban ne ka tsholofelo gore tsela eo e ka dirwa fa madi a bonetse.

Banni ba ne ba ikuetse gole pele gore tsela eo e e raralalang metse ya bone e tsenngwe sekontiri, mme Mme Tshireletso a dumelana le bone a supa gore le dikotsi di ka fokotsega mo tseng e tona ya A1.

Mme Tshireletso o ne a tlhalosa gore ditlhabololo ka bontsi mo lefatsheng lotlhe di ne tsa emisiwa, ka go bo itsholelo ene e wetse ko tlase lefatshe ka bophara, a tlatsa ka gore dipego di supa fa seemo se se tokafala.

A re tsela eo e e tshwaraganyang metse ya Tswapong le Bobirwa e ka thusa fela thata e bile gongwe le ditiro di ka tlhamega fa e sena go dirwa.

Mo go tse dingwe Mme Tshireletso o ne a lekodisa banni ba metse eo gore mo palapenteng e e satswang go fela ne go buiwa ka ga eng.

A re ele khuduthamaga ya palamente bane ba dumelana fela ka bongwe gore tshimologo ya dikereke e tsere phekelo e sele mo lefatsheng leno.

O tlhalositse fa dikereke di tletse gongwe le gongwe mme e bile di sa tlhole di tlwaelesegile ka se kereke e sa tlhole e tlwaelesegileng ka teng, ka gobo jaanong batho ba dira ditiro fela tse di sa amogeleseng mo setshabeng.

Ka jalo, Mme Tshireletso o ne a tlhalosa fa ba dumelane go tla go tsaya megopolo mo setshabeng gore jaanong kereke e seka ya tlhola e bopiwa kgotsa e kwadisiwa ka batho batho bale masome a mabedi bogolo e nne makgolo a mabedi le masome a amatlhano.

O ne a kopa gore banni gore ba tswe ka megopolo gore bone kgang e ba e bona e ntse jang go leka go laola seemo sa dikereke mo lefatsheng leno.

Mo go tse dingwe mothusa tona o ne a tlhalosetsa banni ba metse eo gore go dumelwane gore maungo, merogo yotlhe le dijo dingwe di akaratsa phaleche le raese di seka tsa tsenngwa VAT kwa marekisetsong ka e le tsone dijo tse ka tsone di agang mebele ya batho e bile dile botlhokwa fela thata.

E rile ba mo kgwa dikgaba, banni ba metse eo ya Mmaphashalala le Dovedale ba ne ba dumelana fela ka bongwe ja pelo gore palo ya makgolo a mabedi le masome a matlhano e kwa tlase ba kopa gore palo eo e okediwe gore dikereke di fokotsege. Mo go tse dingwe, e ne ya re go le pele kwa Mmaphashalal Kgosi ya motse oo o ne a tlhalosetsa mothusa tona Kgosi Kemmapatse Bagatiseng o ne a leboga gore ka itsholelo e a itokafala ba tsile go bona ditlhabololo tse ba di tlhokang mo motseng wa bone di tshwana le yone ya tsela.

Kgosi Bagatiseng o ne a tlhalosetsa mothusa tona gore ba tlaelelwa ke mapodisi mo motseng wa bone mme se se dira gore borukutlhi bo ye kwa go dimo.

A re gongwe fa b aka okeletswa mapodisi b aka kgona go laola seemo se sa borukutlhi se se ileng magoletsa.

E re go ntse go ntse jalo, e ntse ele gone kwa Mmaphashala mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Mme Tshidah Mpanti a tlhalosa fa ban a le mathata mo motseng wa bone tebang le batho botlhe b aba kwadisitsweng mo mananeong a nyeletso lehuma.

Mme Mpanti a re e re le ntswa batho botlhe b aba tswa go rutuntsiwa mo di kgwebong tse ba di batlang ga ba ise b abo ba bone ditlamelo tsa teng ka bontsi.

O ne a tlhalosa gape gore b aba solofeditsweng dipodi bone mathata dituelo tsa go duelwa ba dipodi di rekiwang mo go bone di a diega mme se se dira tiro thata.

Kwa motseng wa Dovedale gone, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Mme kedibonye Mogotsi o ne a tlhalosa fa ba tlhaelelwa ke metsi mo motseng wa bone.

Mme Mogotsi o ne a tlhalosa gape gore e re le ntswa motse wa bone e le mengwe ya metse ya bogologolo o sa ntse o tlhaelelwa ke motlakase bogolo thata kwa kokelwaneng ya bone.

O ne a tlhalosa gape gore ba a sokola mo motseng wa bone bogolo jang ka gore bana ba motse ga ba hirwe go dirwa ditiro tsa nakwana mme go tsewa batho kwa metseng e mengwe, ntswa ban aba m gae ba le teng.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : Diphuthego tsa kgotla

Date : 11 Jan 2015