Breaking News

Go tlhoka mokwaledi go ba beile ka fa mosing

11 Jan 2015

Go tlhoka mokwaledi (Court clerk) kwa kgotleng ya motse Mabuo mo kgaolong ya Serowe go beile banni ka fa mosing.

Matshwenyego a a supilwe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse o, Rre Golathwamang Orakanye mo puthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tona wa merero le tirisanyo ya mafatshe a sele, Dr Pelonomi Venson-Moitoi.

Rre Orakanye a re e setse e le ngwaga seemo se ntse sele teng, a re se se dira gore e nne e kare Kgosi ga a bereke.

Seemo se a re se pateletsa gore kgosi a romele batho ba ba batlang thuso kwa dikgosaneng tsa tetanyo se a reng se imedisa dikgosana tseo tiro.

“Dikgosana tse di imilwa ke tiro,ka jalo di kopa go atswiwa,” Rre Orakanye a tlhalosetsa tona.

O ne gape a kopa tona gore ba batla phatalatso ya metsi mo motseng, a re banni bangwe ba gelela metsi kgakala a re dipompo tsa metsi tsa morafhe dia thaela.

O ne gape a lela ka go kgala ga metsi kgapetsakgapetsa are seemo se segakatswa ke go tlhoka pompara mo motseng.

Modulasetilo one a kopa puso gore e sekaseke go oketsa matlo a baithuti ba ba nang kwa sekolong se se golwane sa Mothamo ka bana ba sokola bogolo jang dipula dina le mariga. Mme Beauty Rakole o ne are bomme ba ba itsholofetseng ba a sokola ka gore ba sidilwa kwa motseng wa Moiyabana.

A re bomme ba ba mo seemong se fa ba ka tlhaselwa ke batho ga ba kake ba kgona go iphemela le fa ele go sia tota.

Banni bane ba supa fa basa akole mananeo a nyeletso lehuma ka ba se na ditsha, ba ne ba tlatsa ka gore go tlhoka Mmaboipego go gakatsa seemo.

Dr Venson-Moitoi one a tlhalosetsa banni gore puso e dirile thulaganyo gore batho ba merafhe wa Basarwa ba thusiwe ka mananeo a nyeletso lehuma gongwe le gongwe kwa ba leng teng.

A re go thusiwa Basarwa ba ba gateletswemg ke lehuma.

Tona o ne a bolelela banni gore o tla tswelela ka go supa letlhakore la Botswana mo dithuthegong tsa mafatshe-fatshe ka katlholelo leso go fithelela Batswana ba re molao o o o fetolwe.

A re puso e dumela gore molao o siame ka polao ya motho ele molato o motona ebile o le masisi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 Jan 2015