Breaking News

Ba Mokobaxane ba lebogela mananeo

11 Jan 2015

Banni ba motse wa Kedia mo kgaolong potlana ya Boteti ba lebogela mananeo a puso, a a karetsa Ipelegeng, matlo a batlhoki ale matlhano, matlwana a boitiketso mo kgotleng a le mabedi le mananeo a mangwe a a tsweletseng a dirwa.

Ba buile jalo kwa phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke Tona wa Dikgaolo Le Tlhabololo Magae yo gape eleng Mopalamente wa Boteti Bophirima Rre Slumber Tsogwane bosheng ko motseng oo, ba re motse wa bone o lesego fela thata mo dithusong .

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) Mme Changu Malindi o ne a lekodisa Tona ka dilelo tsa bone ,a re ba kopa go okeletswa diofisi tsa kgotla, a be a tlhalosa gore tse ba di dirisang gompieno di mosuke oo dirang gore tiro e kgoreletsege ka jaana,e bile go sena sephiri ,tlhaelo ya boroko ja badirelapuso,go okeletswa ga kokelwana,le koloi ya kokelwana,tlhaelo ya bodiredi , barutabana ,bokenti ,molemisi o thusa metse e meraro gape a sena koloi.

Mme Malindi one gape a supa fa ba tshwenngwa ke tiego ya go arabiwa ga dikopo tsa bone tsa metsi ga koporase ya metsi Water Utilities,le metobetso e e kgakala le banni bangwe.Mongwe wa banni Rre Letsogile Ngalang o boletse fa ba sa bolo go solofeditswe gore motobetso o mongwe oo neng o tswetswe o tla bulwa mme nako kgolo e le eno.

Rre Lekuetswemang Galekhutle one a ngongorega ka mophako a re ga otle ka nako ,ebile o tla o kgaogane,phaleche e tla pele mme seshabo se goroga morago .

Banni ba ne gape ba supa letshwenyego la go tlhoka go thusiwa ga bana ba bana-le-bogole ,le ntswa puso e rile ba ntshiwe ka fa morago ga matlo,ba supa gore ba kopile thuso ka tsela tsotlhe mme ba sa e bona.

Mogolwane wa boipelego Mme Favwrite Phumusa one a supa fa a tlaa sala morago kgang ya mophako,a tlhalosa fa maitlamo a bone, ele gore batho ba phakisiwe dijo tsa bone malatsi a supa a kgwedi e simolola.

Mogolwane wa koporase ya metsi Rre Mmothi Segale o boletse fa mabaka a go diega ga go gokela metsi ele go hekeetswa ke dipalo tsa baikopedi ,le megala ya baikopedi ee sa tseneng.

Tona Tsogwane o boletse fa puso e na le thulaganyo ya go ba tsisetsa metsi ,a kgothatsa ba koporase ya metsi go ema ka dinao go diragatsa thulaganyo e .Ka tlhaelo ya boroko ja badirelapuso o kaile fa kompone ya matlo e solofeditse go aga matlo a badirelapuso.

Tona one a ba itsise gore maikaelelo ke gore lenaneo la koloi ele nngwe motse le motse le akarediwe mo kabong ya madi ee tlang,le gore dilelo tsa bone ga difelele gone foo,a re tse disa rarabololweng ke maphata o tlaa  di fitisetsa ko go ba ba lebaneng.

Tona o ne a kgothatsa batsadi go kopanela thuto ya bana le barutabana , ba tsene diphuthego tsa batsadi le barutabana ,le go etela ko sekole go bona tiro tsa sekole tsa bana ba bone .

E rile a fa malebo Mokhanselara wa kgaolo ya Mokoboxane Kedia Rre Orapeleng Dikgang a leboga tona go bo a ba lekotse, go tla go ba lekodisa ka tsa Palamente ee fitileng, go ba amogela le bone ba mo amogela mo kgaolong e ncha le ngwaga o mosha . BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 Jan 2015