Puso e sekaseka molao wa kwadiso mekgatlho
12 Jan 2015
Puso e mo thulaganyong ya go seka-seka molao wa kwadiso ya mekgatlho le makgotlana.
Fa a bua mo diphuthegong kwa motseng wa Moiyabana,Radisele Tshetlhong le masimo a Tshethong le Bikwe bosheng,Tona wa merero le tirisano ya mafatshe a sele,Mme Pelonomi Venson Moitoi a re nngwe tsetlana e batla a e elang tlhoko ke e e amang kwadiso ya dikereke.
Mme Venson Moitoi o supile fa puso e tshwentswe thata ke go runya ga dikereke le dikgang tsa bosheng tsa bangwe baba obamelang Saatane.
O tlhalositse fa mo tshekatshekong e o puso e batla gore kereke e kgone go kwadisiwa fa ena le maloko a ka tswara makgolo a mabedi le masome matlhano kgotsa go feta fela.
Are fa e le kereke tota ga e kake ya kgona go tshwara palo e o ka kereke e dirwa ke komiti tse dintse go tswa mo lefatsheng.
O tlhalositse gape gore mo kwadisong ya dikereke maloko a tla a botswa gore ba rapelang eng/ba obamela eng go tila dikereke tsa batho baba obamelang Saatane.
A re se se ka sireletsa setshaba sa Botswana ,bogolo jang bana.
“re tshwentse ke gore bana ba lona fa kgwedi e palama bare ba re ba batla go nwa madi ,ka gore ke bo mmamanthwane” Tona a supa matshenyego.
Tse di amang temo,Mme Venson Moitoi o ne a tlhalosetsa banni gore puso e ntshitse lekgetho (VAT)mo didirisiweng tsa temo di tshwana dipolantara le diege go rotloetsa bagwebi ba ditshukudu tsa temo go nna le didirisiwa tse ba ka lemang ka ditselana ka tsone.
Banni ba ne ba supile matshwenyegogo a gore ga ba a lema ka ntata ya tlhaelo ya didirisiwa tsa temo,ba tlatsa ka gore masimo mangwe a lemolotswe fela.
Kwa Radisele Mme Maitseo Ditsela o ne ale kgatlhaonong le gore baruti ba etele dikolo, a re fa ba batla go ruta bana tumelo ba tshwanetse go etela malwapa gore motsadi e nne ene a tsayang tshwetso ya gore a o ba letlelela go ruta ngwana tumelo kgotsa jang.
A re go ya kwa sekolong ga baruti go ka rotloetsa gore ba gogele bana mo ditumelo tse di sa siamang jaaka tsa ga saatane.
E ntse ele kwa Radisele mongwe wa batsena phuthego,Rre Mojaboswa Jabeng o ne a supa Matshwenyego a gore dikereke di letsa diletso bosigo jotlhe ntswa mo meletlong e megwe go sa letlelewe a bone ga ba amiwe ke melao e e laolang modumo.
Tona yo e bileng e le mopalamente wa Serowe Borwa one a buisa diphuthego kwa Motseng wa Serowe mo kgotleng ya Masuga le Makolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : SEROWE
Event : Diphuthego tsa kgotla
Date : 12 Jan 2015