Breaking News

Dirisang mananeo -Tona kgathi

08 Jan 2015

Tona wa itshireletso, molao le thokgamo e bile ele mopalamente wa Bobirwa, Rre Shaw Kgathi a re kgaolo eo e tlhokana le go tlhabololwa ka jalo o kopa dikgakololo tse di ka thusang go isa kgaolo kwa godimo.

E rile a buisa badiri ba ba tswang mo maphateng ka go farologana kwa Bobonong bosheng, a kopa gore mananeo otlhe a atlegileng a dirwe go na le go busa madi fa ngwaga o wela.

A re le ntswa setshaba se batla dipolane tsa bone di atlega, badirela puso bone ga ba bereke ka mashetla go se thusa. A re kgaolo eo e lebanwe ke dikgwetlho di akaretsa go sa nna mo seemong se se siameng ga ditsela, jalo a rotloetsa ba ba lebaneng go thiba diphatlha tse di fitlhelwang mo di tseleng tseo.

 O tswele a tlhalosa gore ba ba baakanyang ditsela tse di senyegileng ba re go tsaya ngwaga gore di dirwe mme madi a le teng, a supa fa tsela ya Tsetsebye/Sefhophe e na le ditlhare mme di sa rengwe  fa ya Mabolwe yone e sena disaene mo go yone.

 A re kgang kgolo e nngwe ke selelo sa batsadi gore ba nna nako e telele ba letetse thuso kwa kokelong, fa go nale kwelo tlase ya maduo a bana ba dikole tse dipotlana le tse dikgolwane e a reng e tshwenya fela thata, jalo a rotloetsa batsadi go emela thuto ya bana ba bone ka dinao ka ke bone bokamoso jwa lefatshe leno. 

Fa a itebaganya le tsa temo, o tlhalositse fa diterekere di le makgolo a mabedi le masome a mararo le boferabobedi mme mo teng ga palo eo tse thataro ele tsa puso. O boletse fa go na le thulaganyo e e dirilweng mabapi le theko ya leruo le tshwana le dikgomo gore di tla rekwa mo dikgaolong tsa bone ke ba BMC jalo a ba rotloetsa go rekisa ka dipalo tse di kwa godimo go na le gore di tle go bolawa ke mopalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : BOBONONG

Event : Phuthego ya ga tona le badiri

Date : 08 Jan 2015