Breaking News

Ba Tsetsebye ba abetswe mpho e e botlhokwa

09 Jan 2015

E rile bosheng, mopalamente wa Bobirwa Rre Shaw Kgathi a abela motse wa Tsetsebye caravan e e tla dirisiwang go fokotsa mosuke wa badiri ba kgotla ya motse oo.

Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo, Mopalamente Kgathi o rotloeditse banni go tla ka megopolo e e ka thusang go tlhabolola kgaolo ya bone, a supa fa go na le kgang ya moruthutha kwa palamente ya go ratana ga bong jo bo tshwanang ka jalo a kopa dikgakololo mo go bone tebang le kgang eo.

O tsweletse a gakolola banni go lema ka ditselana gore ba tle ba kgone go ntsha thobo e e nametsang le gone go ka e rekisa fa ele ntsi thata.

E ne e rile go le pele a amogela baeng, Kgosi ya Tsetsebye, Rre Dialwa Motsamai  a supa fa tlhwatlhwa ya go reka kgetsi ya P80.00 e le nnye fela thata jalo go dira gore ba seka ba rekisa mme jaanong mo nakong eno mabele a bone a jewa ke tshupa.

Kgosi a re o tshwenngwa ke gore banana ga ba dirise mananeo a ba afiwang  mme o dumela gore fa a ne a dirisiwa ke bagolo, lefatshe leno le ka bo le gatetse pele go sena mohumanegi. O akgotse dicluster fela thata a tlhalosa fa di thusa mapodise ka botswapelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : BOBONONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 09 Jan 2015