Breaking News

Kgosi Koontse o tla a bolokelwa kwa Mmaphashalala

08 Jan 2015

Kgosi ya pele ya motse wa Mmaphashalala Rre Khumo Koontse yo o tlogetseng tiro ka bogodi ka 1970, go bolelwa a tlhokafetse kgwedi eno e tlhola malatsi ale mabedi morago ga go lwala ka lobaka.

Kgosi Koontse yo a tlogelang mohumagadi le bana ba le lesome le motso mo go bone gole banna ba supa le basadi ba le bane o bolokwa gompieno kwa Mmaphashalala.

Go ya ka ngwana wa moswi,  Rre Oboletswe Koontse, moswi a tsholetswe kwa Mmaphashalala ka 1928 mme a dira dithuto tse dipotlana kwa Mookane kwa e rileng a tswa teng a ya go feleletsa dithuto tsa gagwe kwa sekoleng se sebotlana sa Khama Memorial kwa Serowe.

Kgosi Koontse o tlhomilwe kgosana ya motse wa Mmaphashalala ka 1968 go tlhatlhama rraagwe eleng Rre Koontse Mpedi yo le ene a sa tlholeng a le mo botshelong.

Fa dikgang di eme jalo, dipego tse di tswang mo go ba bogosi ba Mahalapye di bolela fa kgosana ya pele ya kgotla ya Konyana Rre Keikitse Dipatane le ene a tlhokafetse maabane mo kokelong ya Mahalapye.

Kgosi Dipatane yo o tsholetsweng kwa Serowe ka 1922 o tlogetse bogosana jwa kgotlana ya Konyana ka 2007 ntateng ya go tshwenyega mo botsogong. Ka nako ya kgang e e kwalwa, dithulaganyo tsa phitlho di ne di ise di rulaganngwe ka ba losika ba ise ba kopane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Tatolo

Date : 08 Jan 2015