Madi a tsositse kgaruru
08 Jan 2015
E rile kbosheng makhanselara a kgaolo potlana ya Tutume a bo a tsositse kgaruru morago ga go lemoga fa madi a go duelelwa boroko mo dihoteleng a sa tsenngwa mo tshekatshekong ya madi a khansele eo.
Mo phuthegong e e faphegileng ya khansele eo go rolela makhanselara ka tsheka-tsheko ya madi, makhanselara ba re go bo go sa sekasekelwa madi a boroko jwa bone go ba beile ka fa mosing ka bangwe ba tswa kgakala kwa dikgaolong tsa Nata/Gweta ka jalo ba sokola ka boroko fa ba tsile bokopanong jwa dipuisano tsa khansele kwa Tutume.
Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Moses Bobeng a re ba sokola ka boroko ka jalo go akarediwa ga madi a boroko go tsile go araba selelo sa bone sa letlhoko la boroko ka nako ya dipuisano tsa bone.
Bangwe ba ne ba tswa ka mogopolo wa gore go ngathiwe mo mading a ditiro dingwe tse di seng botlhokwa tse di abetsweng madi jaaka ya go etela mafelo mangwe ga makhanselara le maitiso a modulasetilo go thusa mo go dueleleng boroko jwa ba ba tswang kgakala.
Bangwe ba ne ba ganana le mogopolo oo ba tlhalosa fa tsheka-tsheko eo ya madi e dirilwe go lebilwe dilo dingwe ka jalo sengwe le sengwe se se mo go yone se na le mosola. Seo se ne sa dira gore go tlhophiwe ka makhanselara a farologana ka megopolo, mme mogopolo wa gore tsheka tsheko eo ya madi e amogelwe jaaka e ntse wa atlega kgatlhanong le wa ba ba reng madi a ketlolwe mo ditirong dingwe tse di seng botlhokwa, ka jalo tsheka-tsheko eo ya madi ya amogelwa jaaka e ntse.
E ne e rile go le pele, mogolwane wa tsa madi wa khansele potlana ya Tutume, Rre Kenneth Baphuthegi a tlhalosa fa khansele eo e abetswe P104m mo ngwageng wa 2015/2016.
Ka jalo ba kopa gore go ngathiwe madi mangwe mo go one. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi-Masuruke
Location : TUTUME
Event : Phuthego ya khansele
Date : 08 Jan 2015