Kgosi Botoka o tshwengwa ke kgaogano ya ditlamelo
08 Jan 2015
Kgosi ya Radisele, Rre Kakanyo Botoka a re go tsaya ditlamelo mo kgaolong tse di farologaneng go baya banni ba motse wa gagwe ka fa mosing.
Kgosi Botoka o ntshitse boikuelo jo mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke tona wa merero ya mafatshe a sele Mme Pelonomi Venson-Moitoi kwa Radisele bosheng a tlhalosa fa motse wa gagwe o tsaya ditlamelo tsa kabo ditsha kwa Mahalapye ntswa ba tsaya ditlamelo tse dingwe kwa Palapye.
Mo go tse dingwe, kgosi o kopile tona gore lebelo le le letlelelwang mo tseleng ya A1 fa Radisele le fokodiwe go tswa kwa go 80 km ka oura go ya kwa go 60 go fokotsa dikotsi tse di diragalang mo tseleng eo.
O tsweletse a kopa gore ba fiwe taolo ya go sekisa ditsheko tse ditona mo kgotleng ya bone a bolela gore mo nakong eno ba letlelelwa go seka ditsheko tse dikatlholo tsa tsone di sa feteng sekete sa dipula fela.
Mothusa kgosi ya Radisele, Rre Christian Ntebele a re go a gakgamatsa gore e re ntswa kgotla ya bone e kgona go sekisa dikgetse tsa leruo la madi a mantsi a a fetang sekete sa dipula go menagane ba bo ba sa letlelelwe go sekisa dikgetsi tse dingwe tsa madi a a fetang sekete sa dipula.
Fa a tsibogela kgang ya kgaogano ya ditlamelo, Mme Venson-Moitoi yo e bileng ele mopalamente wa kgaolo eo, o kopile mokhanselara le modulasetilo wa khansele ya Palapye go rarabolola gore baagi ba Radisele ba tseye ditlamelo golo go le gongwe fela.
Mo go tse dingwe, Tona Venson-Moitoi o lebogetse banni ba koo go bo ba mo file thomo ka tlhopho.
O tlhalositse gore diphathi tsa sepolotiki di ka tswa di farologana ka moono, mme o lebogela tirisano mmogo ya Batswana ka kakaretso go dibela kagiso ya lefatshe leno ka nako ya ditlhopho. O tsweletse a lebogela morafe go kopanela merero ya lefatshe leno.
Fa a lekodisa tona, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Phetso Kebonang a re o tshwenngwa ke go tlhoka ntlo ya pelegi kwa kokelong ya bone gammogo le metsi mme e bile a tlhalosa fa sepodise se tlhaele ka motse o godile fela thata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : RADISELE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 08 Jan 2015