Breaking News

Banni ba ne ba itshware sentle

08 Jan 2015

Mogolwane wa mapodisi a Orapa Superintendent Kabo Badirwang a re le mororo banni ba kgaolo ya gagwe ba ne ba itshwere sentle ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha mme ba gatisitse melato e mebotlana.

Superintendent Badirwang o boletse gore ba gatisitse melato ya batho ba ba nwelang bojalwa mo mekgwatheng ba le lesome le boraro , ba ba fitlhetsweng ka motokwane ba le batlhano fa ba go tlhoka go itshwara sentle ba robabongwe.

O tsweletse a re mo melatong ya tsela ba gatisitse ya batho ba ba neng ba tsamaya ka lebelo le le kwa godimo ba le lekgolo le masome a mararo le borobabobedi, ba ba kgweetsang ba sena diteseletso ba robabongwe, ba ba sa tsenyang mabante a pabalesego ba le lesome fa yo o fitlhetsweng ka selekanyo se se kwa godimo sa bojalwa a le mongwe fela .

Superintendent Badirwang a re ba lemogile gore bagwebi bangwe ba bojalwa ga ba sale morago melawana ya thekiso ya bojalwa, a supa fa bangwe ba ne ba tswalela bareki mo marekisetsong a bone gore ba tswelele ba reke. Le ntswa go le jalo, Superintendent Badirwang o lebogile mapodisi, macluster le ba ntebele ke go lebele ba kgaolo ya gagwe go bo ba ne ba bereka ka natla go hema borukutlhi.

Mo go tse dingwe, mogolwane wa mapodisi a Rakops Superintendent Makgope Oageng o boletse fa monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bosupa wa kgotla ya Kopo gone kwa motseng oo a ikgapetse botshelo ka go ikaletsa mo ntlong morago ga gore a tlhoke kutlwisisano le mokapelo wa gagwe .

Superintendent Oageng o boletse gape gore go nnile le kotsi e mo go yone mosadi wa dingwaga tse di masome a matlhano le bosupa a thudilweng ke koloi ya ba ya mo roba leoto mme o tlhalositse fa ba belaela gore mokgweetsi wa koloi eo o ne a tsamaya ka lebelo le le kwa godimo.

Superintendent Oageng a re ba gatisitse melato ya tsela ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha e akaretsa go dirisa dikoloi tse di sa itekanelang, go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo gammogo le go kgweetsa motho a sena teseletso ya go kgweetsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Potsolotso

Date : 08 Jan 2015