Ba Tshetlhong ba rotloediwa go reka diabe
09 Jan 2015
Balemi barui ba masimo a Tshetlhong mo kgaolong ya Serowe Borwa ba rotloeditswe go reka diabe tsa Botswana Telecommunications Corporation go beela bana ba bone bokamoso.
Thotloetso e, e dirilwe ke tona ya merero ya mafatshe a sele Mme Pelonomi Venson-Moitoi fa a buisa phuthego kwa masimong ao bosheng a bolela fa nako e tsile ya gore balemi barui ba koo ba rekise bontlha bongwe jwa leruo la bone mme ba boloke madi ao ka go reka diabe tse e tla a reng morago tsa ba direla dipoelo.
Mme Venson-Moitoi yo e bileng ele mopalamente wa kgaolo ya Serowe Borwa o tlhaloseditse banni gore e tla a re mo bogaufing diabe tsa kompone ya ditlhaeletsano ya Botswana Telecommunications Corporation Limited di rekisiwe, jalo a ba rotloetsa go nna ba ipaakantse gore ba tle ba nne le karolo mo thekong ya tsone. Tona a re o sale a rotloetsa balemi barui ba koo go reka diabe a santse ele tona wa ditlhaeletsano.
Fa a tsibogela boikuelo jwa balemi barui bao mabapi le tshenyo ya diphologolo tsa naga tse ba reng di ba tlhorontshitshe mo masimong a bone, o ba rotloeditse go tsena mo thuong ya diphologolo ka a re dikgaolo dingwe di tshela ka thuo ya diphologolo tsa naga jalo ba ka boelwa ka e bile lefelo leo le humile diphologolo.
Modulasetilo wa komiti ya balemi barui, Mme Odireleng Gasewame a re o tshwenngwa ke tshenyo ya diphologolo di akaretsa tholo le noko tse di ba senyetsang dijwalo mo masimong le ntswa ba lekile go di koba ka go tshuba boloko jwa dikgomo.
Le fa go ntse jalo o tlhalositse fa balemi ka bontsi ba ise ba beye tema ka ntata ya tlhaelo ya didirisiwa tsa temo. O tsweletse a re o tshwenngwa ke terata ya matlhoko a leruo e a bolelang fa e senyegile ka jalo dikgomo tsa kgaolo ya C8 le C10 di setse di tlhakane mo go rotloetsang borukutlhi. Mme Gasewame o kopile gore matamo a bone a katololwe ka a setse a kategetse.
Rre Ketshwaile Oneile o tlhalositse fa seemo sa tsela se sa jese diwelang mme e bile fa dipula di phaila go nna maswe le go feta. A re go nna diretse mo go feteletseng mo e bileng batho ba sa kgone go ya kwa sepateleng fa ba lwala ka paka tseo. Rre Oneile o tlhalositse gape fa Ipelegeng e thusa fela thata ntswa batho ba itlodisa matlho ka jalo a kopa tona gore ba thusiwe ka yone mo kgaolong eo gore e ba direle ditlhabololo.
Balemi barui ba koo ba re ba tshwenngwa ke seemo sa ditsela tse di gokaganyang metse ya bone le Serowe le Mokgware. Mabapi le kgang ya tsela, Mme Venson-Moitoi o tlhalositse gore mo phuthegong e e fetileng e e neng e tshwaretswe kwa Mokgware batsena phuthego eo ba kopile gore go simololwe tsela ya Mokgware-Mogome mme a re o buile le tona wa ditsela ka yone mogodimo ga moo o ba solofeditse gore o tla kopa khansele go tokafatsa tsela ya Mokgware/Serowe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 09 Jan 2015