Mowa wa boithaopo o botlhokwa
07 Jan 2015
Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae yo e bileng gape e le mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre France Van Der Westhuisen o rotloeditse morafe wa motse wa Kolonkwaneng go nna le mowa wa boithapo gore ba seka ba ikaega fela ka puso ka seo se ka thusa thata mo go tlhabololeng motse wa bone.
Mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng, Rre Van Der Westhuisen o supile fa mowa wa go ipelega o tswa ka bonya mo Batswaneng mme a ba kopa go o tsosolosa ka o tswa kgakala e le one o o ka tlhabololang metse ya bone.
Mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa o gakolotse batsadi ba motse oo go nna le tirisano mmogo le therisano le badirela puso ka seo se ka dira gore go nne le maduo a a nametsang.
O ba kopile go tsaya boikarabelo mo thutong ya bana ba bone ka go nna le seabe mo dithutong tsa bone go le botlhokwa gonne go ka dira gore maduo a thuto mo kgaolong eo a tokafale.
O tsweletse a supa banana bangwe ka monwana a tlhalosa fa ba le boitseme mo go tlhokomeleng mananeo a puso jaaka la LIMID le a mangwe a ba thusiwang ka one ke puso mme a kaya fa seo se dira gore a seka a ba tswela mosola ka go tokafatsa matshelo a bone.
Fa a ama dikgang tsa palamente, o ba tlhaloseditse ka molao oo dumalanweng kwa palamenteng oo nyeletsang lekgetho la VAT mo dijong di akaretsa borotho jwa rantlhase, phaleche le merogo a kaya fa seo se ntse se ketefaletsa Batswana botshelo le go feta.
O tsweletse a tlhalosetsa morafe wa Kolonkwaneng gape ka molao kakanyetso o o kwa palamenteng oo sa ntseng o sekwasekwa wa go oketsa dipalo tsa maloko a diphuthego tsa dikereke go tswa mo go lesome go ya kwa makgolong a mabedi le masome a matlhano.
A re seo se ka thusa thata mo go fokotseng dipalo tsa dikereke tse di jang Batswana ntsoma tse di tsweletseng ka go runya mo lefatsheng leno.
Fa ba a kgwa mopalamente wa bone kgaba, banni ba motse oo ba mo akgoletse phenyo ya gagwe ya go nna moemedi wa bone yo mosha kwa palamenteng ba bolela fa seo e le korone e e sa rwalweng ke mongwe le mongwe fela mme e kgonwa ke motho yo o ikiteileng sehuba. Ba lebogetse mananeo a puso ka go farologana ka ba supa fa a thusitse go ba namola mo lehumeng.
Mongwe wa banni, Mme Diphera Tumaeletse o galaleditse puso a sa kgale mathe ka e mo abetse kgwebo ya borotho jalo a kaya fa e dira sentle thata e bile e mo nosa moro.
Mme Tumaeletse o gwetlhile banni go tlhoafalela go tsaya mananeo a puso a a itebagantseng le go lwantsha lehuma le go tlhabolola matshelo ka a nale bokgoni jwa go tsholetsa le go tokafatsa matshelo a bone.
Fa a ntsha la gagwe, mokhanselara wa Kolonkwaneng/Bogogobo, Rre John Lentshikang o kopile banni go tshwaragana le mopalamente go mo tlhofofaletsa tiro, a ba gakolola fa dikgang tsa sepolotiki di fetile jalo se se setseng e le go bua ka lentswe le le lengwe gore go nne le kgatelopele mo kgaolong ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 Jan 2015