Brizil e gapile seetsele
07 Jan 2015
Setlhopha sa kgwele ya dinao sa Brizil kwa kgaolong ya Maseko segapile torofhi kwa sekamakgaola kgang ya ditlhopha tse di ferangbongwe ka maemo a ntlha.
O buile jalo modulasetilo wa kgwele ya dinao ya Maseko Rre Wonder Masebola ka malatsi a ngwaga o mosha kgwedi ya Hirikgong e tlhola ga bedi kwa Gobojango.
O tlhalositse fa bane bagwethiwa ke dikotsi tsa tsela tsedi ya magoletsa ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha,mme ba bona gore goka nna bonolo gona le fa bakopanang teng ele bakgwele ya dinao.
A re gona le gore banana banne nako e telele bale mo nnotagi ,badirise go bogela kgwele ya dinako,a supa fa banana batsile ka dipalo tse dikwa godimo.
O boletse fa banana e le dipilara tsa itsholelo ya lefatshe la Botswana,a ba rotloetsa gotswelela ba somarela matshelo a Batswana ka gonna le bokopana ja kgwele ya dinao,kwa bfelo go ka fitlhisa gongwe ka go bopa tshaba ya lefatshe la bone.
Mokwaledi wa ofisi ya mopalamente a eme boemong ja gagwe Rre Monkemedi Dingalo a re batla thusana le bone go tsweledisa kgwele ya dinao,a supa fa kgathilwe ka fa ba ngokang setshaba go tswa mo dilo tsedisa siamang,jaaka bangwe ba bone mo dithimeng tse ditona tsa di chapion.
Dikgosi tsa Maseko e leng borre Ngalo,Mokgethi le Baruti basupa fa batlhokile kutlosisano banne fatshe ba buiwe bale nosi gosena dikgosi moteng,ka Setswana sare more go betla wa taola wa motho oa ipetla.
Motshwarelela Ramapodise wa Semolale Rre Olebeng Chingabe a re motshamo o botlhokwa ka go supafetse ka keresemose le ngwaga o mosha go sanna le dikotsi dipe kwa kgaolong tsa Maseko le jone borukuthi tota,mme a barotloetsa gotswelela go ya pele.
A supa fa go kampa ga banana goipakanyetsa dikgaisano ka go gapa sekgele ga ditlhopha di herabongwe tsa kgwele ya dinao go ba thusitse ,ka gagona nako e bakileng ba bidiwa gotwe bangwe banole kana ba golafatsane.
Mokhanselara wa kgaolo ya Maseko Rre Marole Manuel a re ba melediwa mathe ke dikgaolo tse dingwe.
Ka thulaganyo e badirileng ya metshameko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pauline Mothudi
Location : BOBONONG
Event : Motshameko wa kgwele ya dinao
Date : 07 Jan 2015